Kgaolo tshwaro
DITENG
TSHWARO
Thulaganyo ya thutiso
Maikemisetso
Maikaelelo a go tshwara ke eng?
Ka fa o tshwarang motho ka teng.
Ditshwanelo tsa motho yo o tshwerweng
Ditekanyetso tsa ditshwanelo tsa motho yo o tshwerweng
Tiriso ya maatla ka nako ya tshwaro
Melawana ya tiriso ya maatla ka nako ya tshwaro
Mabaka a go sekasekiwa fa o dirisa maatla ka nako ya tshwaro
Morago ga tiriso ya maatla dikgotlatshekelo di ka tlhatlhoba mabaka a le mane
Batlhankedi ba sepodisi ba ka thuntsha mmelaelwa yo o tshabang leng?
Tiriso ya maatla go phuruphutsha motho yo o tshwerweng
Tshosobanyo / Dipotso
Phousetara ka ditshwanelo tsa batho ba ba tshwerweng
Matheriale wa motswedi le puiso e e atlanegisitsweng
TSHWARO
METSOTSO E LE 130
THULAGANYO YA THUTISO
Diteng Dilo tse di tla dirwang Nako
Maikemisetso
Maikaelelo a tshwaro ke eng?
Ka fa o tshwarang motho ka teng
Ditshwanelo tsa motho yo o tshwerweng
Ditekanyetso tsa ditshwanelo tsa motho yo o tshwerweng
Tiriso ya maatla ka nako ya tshwaro
1 Melawana ya tiriso ya maatla ka nako ya tshwaro.
Mabaka a a sekasekiwang fa o dirisa maatla ka nako ya tshwaro
3 Morago ga tiriso ya maatla dikgotlatshekelo di ka sekaseka mabaka a le mane
Batlhankedi ba sepodisi ba ka thuntsha mmelaelwa yo o tshabang leng?
Tiriso ya maatla go phuruphutsha motho yo o tshwerweng
Tshosobanyo / Dipotso
Tiragatso 2.1: Buisa maikemisetso
Tiragatso 2.2: Ditlhopha di a sebaseba
Tiragatso 2.3: Puisano
Tiragatso 2.4: Puisano
Tiragatso 2.5: Ditlhopha di a sebaseba
Tiragatso 2.6: Puisano
Tiragatso 2.7: Puisano
Tiragatso 2.9: Dipotso / Puisano metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso
MAIKEMISETSO
Morago ga go fetsa kgaolo e moithuti o tshwanetse go kgona go bontsha go tlhaloganya le go tlotla -
tshwanelo ya kgololosego le tshireletsego ya motho;
ditshwanelo tsa motho yo o tshwerweng go ya ka Molaotheo;
ditsamaiso tse di siameng tsa go tshwara; le tiriso e e lolameng ya maatla fa go diragadiwa tshwaro ka dipuisano tsa setlhopha le ditlhopha tse di sebasebang
MAIKAELELO A TSHWARO KE ENG?
Tshwaro ke mokgwa wa semolao wa go bona go nna teng ga molatofadiwa mo kgotlatshekelo. Motho yo o tshwerweng o tsewa a se na molato go fitlha a fitlhetswe a le molato. Ka lebaka le motho mongwe le mongwe yo o tshwerweng o tshwanetse go tsholwa ka setho le go ya ka molao.
Tlhokomediso go motlhagisi Go na le diphousetara ka ditshwanelo tsa batho ba ba tshwerweng. Phousetara e tshwanetse go bewa mo leboteng pele kokoano e e simolola.
Tiragatso 2.1
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 2.1
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso ke go neela maikemisetso a kokoano.
Tlhokomediso ya motlhagisi
Buisetsa baithuti maikemisetso.
Ba botse gore a ba tlhaloganya maikemisetso.
Tlhalosa, fa go tlhokega.
Gakologelwa
Gore karolo 38 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato e tlamelela boleng bo bo fokoditsweng go le gonnye go na le tshwaro go bona go nna teng kwa teng kgotlatshekelo.
Mekgwa e e tshwanetse go sekasekwa pele go tlhophiwa go tshwara gonne karolo 36 (e) ya Molaotheo ya re o tshwanetse go lebelela kwa boleng bo bo fokoditsweng go le gonnye go fitlhelela lebaka (mo lebakeng le go bona go nna teng ga motho kwa kgotlatshekelo). Tshwaro ka jalo e tshwanetse go dirisiwa fela jaaka boitlhophelo jwa bofelo.
Karolo 38 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato
Mekgwa e ya go bona go nna teng ga mmelaelwa mo kgotlatshekelo gore a tsenele tsheko ke -
tshwaro;
tagafara;
kitsiso e e kwadilweng; le tatofatso go ya ka ditshiamelo tse di maleba tsa Molao o.
Tshwaro ga se mokgwa wa nakwana wa go tlosa motho mo setšhabeng gore go phepafadiwe lefelo, e bile ga se mokgwa wa kotlhao.
KA FA O TSHWARANG MOTHO KA TENG
Motho a ka tshwarwa ka kana kwa ntle ga thebolelo. Gakologelwa go botoka ka gale go bona thebolelo. Mesola ke gore seno se sireletsa mapodisa mo ditleleiming tsa selegae le go tlhomamisa gore tshwaro le go bona bopaki go go tla latelang go tla bo go le mo molaong. Theboleloya tshwaro e ka
Tiragatso 2 2
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Ditemana 2.2 le 2.3
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso ke go buisana ka maikaelelo a tshwaro le mekgwa e mengwe ya go bona go nna teng kwa kgotlatshekelo.
Tlhokomediso ya motlhagisi
Kopa baithuti go buisana ka dipotso tse di latelang mo ditlhopheng tsa bobedi (ditlhopha tse di dirang) (metsotso e le 5);
Maikaelelo a tshwaro ke eng?
Pelaelo ya go se na molato e kaya eng?
Ke mekgwa efe e mengwe e e leng teng go na le wa go tshwara go bona gore mmelaelwa o ya kgotlatshekelo?
Kopa baithuti go neelana ka tse di builweng. Dira puisano ya kakaretso o be o sobokanya.
metsotso e le 5
Dilo tse o tla di drisang ka nako ya tshosobanyo
Buka ya tiro ya Ditshwanelo tsa Botho le ya go Tlhokomela, ditsebe 27 - 29
Kgetse ya molao
Pelaelo ya go se na molato mo kgetseng ya S v Zuma 1995 SA 642 (CC) - 1995 bclr 401 (SA) pelaelo ya go se na molato e ne ya lebelelwa.
bonwa go tswa go magiseterata kana rakagiso, yo o tsenyeletsang mothati wa motlhankedi wa mapodisa yo o nang le renke ya bokapoteine le go ya godimo.
Go na le mabaka a le mantsi a mo go ona motho a ka tshwarwang kwa ntle ga thebolelo. A mangwe a ona a tlhalositswe mo go karolo 40 ya CPA. Gakologelwa gore go na gape le peomolao e e tlamelelang tshwaro kwa ntle ga thebolelo, sekao karolo 40 ya CPA.
Mokgwa wa go tshwara motho o tlhalosiwa mo go karolo 39 ya CPA. O ka sobokanngwa jaaka o latela:
Motho a ka tshwarwa ka thebolelo ya tshwaro (karolo 43 ya CPA) kana kwa ntle ga thebolelo ya tshwaro (karolo 40 ya CPA).
Fa motho a ineela go tshwarwa ga go tlhokege go kgoma motho yoo.
Fa motho a sa ineele kwa go tshwarweng maatla fela a a lekaneng jaaka a tlhokega (maatla a a lekaneng) a ka dirisiwa go diragatsa tshwaro.
Motho yo o diragatsang tshwaro o tshwanetse, ka bonako mo go tshwareng, a itsise motshwarwa lebaka la tshwaro.
Fa motho a tshwerwe ka thebolelo ya tshwaro khophi e tshwanetse go tlamelwa fa e kopiwa.
Gakologelwa :
Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go itsisewe ka
Tseo ya go se na molato e tsamaelana le tshwanelo kgatlhanong le go itshwarisa ka nosi le tshwanelo mo go didimaleng.
Motho yo o belaelwang ga a tlhoke go thusa naga go fenya kgetse. Fa naga e latofatsa mongwe, naga e tshwanetse go supa kwa ntle ga pelaelo gore motho o molato.
Tiragatso 2.3
metsotso bonako jo bo utlwalang bo kgonega go ya ka mabaka ka ditshwanelo tse di tiiseditsweng mo go karolo 351 le 2 ya Molaotheo. Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go itsise le go tlhalosa ditshwanelo tsotlhe tse kwa motshwarweng le go tlhomamisa gore o a di tlhaloganya go ya ka Karolo 354 ya Molaotheo.
DITSHWANELO TSA MOTHO YO O TSHWERWENG
Motho yo o tshwerweng ka gale o tsewa a se na molato go fitlha a bonwe molato mme o tshwanetse ka gale a tshwarwe ka seriti le tlotlo, go lebeletswe tshwanelo kwa kgololosegong le tshireletso ya motho.
Tshwaro ke tekanyetso e e masisi mo ditshwanelong tsa botho tsa motho. Tshwaro e lekanyetsa ditshwanelo tse di farologaneng tsa motho. Dingwe tsa ditshwanelo tsa botlhokwa tse di lekanyeditsweng ke:
Seriti sa motho (karolo 10 ya Molaotheo)
Batho botlhe ba tshwanetse go tsholwa ka kamogelo, seriti le tlotlo. Motlhankedi wa sepodisi ga a tshwanela go rogana kana go dirisa puo ya tshotlako kwa motho yo o tshwerweng, gonne seno se tla gataka seriti sa motho. Fa motlhankedi wa sepodisi a sa tlotle seriti sa motho tiriso botlhaswa ya dithata le bothati e tshwanela go ka tlhagelela. Maitsholo a motlhankedi wa sepodisi a tla atlholwa ka tlhamalalo kgatlhanong le karolo 10 ya Molaotheo.
Kgololosego le tshireletso ya batho (karolo 12 ya Molaotheo)
Karolo ya tsepamiso
Ditemana 2.4 le 2.5
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore batlhankedi ba sepodisi go akanya ka ditshwanelo tsa batshwarwa le maikarabelo a bona le maikarabelo a batshwarwa.
Tlhokomediso ya motlhagisi
Matseno: 2 metsotso
Kgaoganya baithuti go ya ka ditlhopha tse dinnye tse e seng tsa go feta batho ba le batlhano mme o botse ditlhopha go buisana ka dipotso tse di latelang:
Ke tsela efe e e siameng ya go tshwara motho?
Ditshwanelo le maikarabelo tsa batho ba ba tshwerweng ke dife?
Maikarabelo a batlhankedi ba sepodisi ka nako ya tshwaro ke afe?
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go itsise motho yo o tshwerweng eng fa a tshwarwa?
Kopa setlhopha go kwala dikarabo . 10 metsotso
Bona dikarabo go tswa setlhopheng sengwe le sengwe ka merero e e farologaneng. Kopa setlhopha sengwe le sengwe go neela karabo e le nngwe o be o ya kwa setlhopheng se sengwe go fitlha o na le dikarabo tsotlhe. 15 metsotso
Buisanang ka ditshwanelo, dira puisano ya kakaretso o sobokanye.
metsotso
Dilo tse di tla dirisiwang ka nako ya tshobokanyo
Karolo 35 ya Molaotheo.
Tshwanelo kwa kgololosegong le tshireletsong ya motho di tsenyeletsa tshwanelo kwa tshiamong ya sebele le saekholoji. (Seno se kaya gore motho o na le taolo mo godimo ga mmele le kakanyo). Tshwanelo kwa tshireletsong kgatlhanong le ikgatholoso ya sebele le saekholoji e tsenyeletsa gore ga go motho yo o ka boithatelo (kwa ntle ga lebaka, ka mantswe a mangwe koo go sa dumelelwang ka Molao wa Palamente kana molao wa boagisanyi) a ka tshwarwa, a tsholwa a tswaletswe le go phuruphudiwa. Mo kakanyong e e sephara, kgololosego ya mong e raya tshwanelo ya motho go sirelediwa kgatlhanong le ditiro tsa boithatelo tsa naga tse dinako dingwe di ka ikgatholosang kana go thibela tshiamo ya sebele le saekholoji ya mong.
Tshwanelo go kgololosego ya motsamao (karolo 21 ya Molaotheo)
Karolo 21 ya Molaotheo: Kgololosego ya motsamao le bonno 21. Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya motsamao.
Tseno ke dikao tsa dingwe tsa ditshwanelo tse di ka lekanyediwang. Go na gape le ditshwanelo tse dingwe tse di ka lekanyediwang ka tshwaro, sekao karolo 14 (Sephiri), karolo 18 (Mokgatlho) le ditshwanelo tse dingwe tse di farologaneng tse di lekanyeditsweng ka tsela nngwe kana e e rileng.
GAKOLOGELWA
Bukatiro ya Ditshwanelo tsa Botho le ya Tlhokomediso, tsebe.29.
Kaelo ya Kgetsana kwa Ditshwanelong tsa Botho le Tiriso ya Mapodisa tsebe. 18 - 21.
Wena le Molaotheo tsebe. 19.
Dikao tsa tsholo e e seng ya setho
Sebele:
Go palelwa ke go tlamela ka metsi a a nowang
Tsa saekholoji:
Mekgwa ya kgatelelo e e seng ya boitshwaro bo bo siameng.
Dintlha
Motho yo o tshwerweng ka
Bonako mo tshwarong o na le ditshwanelo mo go karolo 35 , le 4 ya Molaotheo.
PUISANO YA DITSHWANELO DINGWE
Go nna o didimetse
Tshwanelo go nna o didimetse e neela motho yo o tshwerweng boitlhophelo go ka nna a didimetse a se neele seteitemente le go se arabe dipotso kana go dira seteitemente kana go araba dipotso. Go nna o didimetse go kaya gape gore motho ga a tlhoke go bua sengwe ka tshenyo ya ga twe, fela motho o tshwanetse go neela leina la gagwe le aterese ka kopo ya motlhankedi wa kagiso yo o tsenyeletsang motlhankedi wa sepodisi. Karolo 41 ya CPA.
Gore go dirwe boitlhophelo bo bo tlhaloganyang, Molaotheo o gapeletsa motlhankedi yo o tshwarang go itsise motho yo o tshwarang ka ditlamorago (bokao) tsa go se nne o didimetse. Seno se kaya gore fa motho a dira seteitemente, motho yoo o tshwanetse go tlhokomedisiwa gore seteitemente se tla kwalwa mme se ka dirisiwa jaaka bopaki mo kgotlatshekelo ya molao.
Go se gapelediwe go dira kamogelo kana maipobolo kgatlhanong le thato ya bona.
Go se nne motho yo o gapelediwang go dumela kana maipobolo kgatlhanong le thato ya bona. Fa motho a gapelediwa ka tsela efe go dira seteitemente, seteitemente se se jalo se tla se ke se amogelwa ( ga se ne se tsewa jaaka bopaki) mo kgotlatshekelo ya molao, (dikarolo 217 le 219A tsa CPA).
Dintlha
Kgetse ya molao
Maipobolo/ Mokgweleo wa bopaki
Mo kgetseng ya S kgatlhanong le Zuma 1995 SA 642 (CC) - 1995 BCLR 401 (SA) morero wa maipobolo o ne wa lebelelwa.
Fa motho yo o seng molato a re maipobolo ba gagwe bo ne jwa dirwa ka fa tlase ga kgatelelo, maatla, pogiso, tshosetso kana tsholofetso (ka mantswe a mangwe e seng ka bolokologi le ka boithaopo) ga a tlhoke go supa gore ga a bo dira ka bolokologi le boithaopo.
Bosekisi(mapodisi) le mosekisi di tshwanetse go supa gore maipobolo a a dirilweng kwa go magiseterata a dirilwe ka bolokologi le boithaopo.
Go dira kopo ya beile
Beile ke mokgwa wa go fokotsa tekanyetso ya tshwanelo ya motho kwa kgololosegong le tshireletsego (karolo 12 ya Molaotheo). Beile ke mokgwa gape go tlhomamisa gore motho o tla emela tsheko. Babelaelwa ba ka gololwa ka beile ya mapodisa (tsa melato e e seng masisi ) kana ba ka dira kopo pele ga mosekisi kana kgotlatshekelo ya molao.
DIKGATLHEGO TSA BOSIAMISI
Motho yo o tshwerweng o na le tshwanelo go gololwa go tswa botshwarong fa digatlhego tsa bosiamisi di letla, go ya ka maemo a a utlwalang (Karolo 35 (f) ya Molaotheo). Thswanelo go gololwa go tswa botshwarong ka kana kwa ntle ga beile, kwa ntle ga fa dikgatlhego tsa bosiamisi di tlhoka ka tsela nngwe, e tshwaragantswe ka bogaufi le tshwanelo ya kgololosego le tshireletsego ya mong le tshwanelo gape go bonwa o se na molato go fitlha o bonwa molato ke kgotlatshekelo e e nonofileng.
Kgololo ya motho yo o tshwerweng ga e ne e nna mo dikgatlhegong tsa bosiamisi fa e le nngwe kana tse pedi tsa mabaka a a boletsweng mo go karolo 60 ya CPA a se teng:
Fa motho yo o tshwerweng (mmelaelwa) a tla baya mo kotsing pabalesego ya setshaba kana motho mongwe le mongwe yo o rileng kana kgatlhego ya setshaba, kana a tla dira mametlelelo 1 ya molato.
Fa motho yo o tshwerweng a ka leka go tshabela tshekiso.
Fa motho yo o tshwerweng a ka leka go tlhotlheletsa kana go tshosetsa dipaki kana go fitlha kana go senya bopaki.
Tlhokomediso ya motlhagisi
Botsa baithuti fa ba itse pharologano magareng ga dikamogelo le maipobolo.
Boipobolo ke kamogelo ya dielemente tsotlhe tsa tshenyo mme bo ntsha mabaka otlhe a go itlhatswa. Fa bo dirilwe mo kgotlatshekelo ya molao, bo tla lekana le boikopelo jwa molato.
Kamogelo ke seteitemente kana maitsholo a a kana a ka nna mosola go motho yo o e dirang (sekao go dumela elemente ya molato) fela ga e lekane le boipobolo.
Tiragatso 2.4
metsotso
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka beile.
Tlhokomediso ya motlhagisi
Laela baithuti go buisana ka potso le ditheo tse di dirang mo kopong ya beile.
Motho yo o tshwerweng a ka kopa beile leng le gona kae?
Dikarabo tse di kgonegang
Beile fa pele ga kgotlatshekelo ya molao
Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go itsisiwe ka tshwanelo go kopa beile ka bonako bo bo kgonegang (Karolo 50 ya CPA). Molao, 1997 wa Tlhabololo ya Bobedi wa Tsamaiso ya Modiramolato (Molao Nomoro 85 wa 1997) o o tseneng mo tirisong ka di 1 Phatwe 1998, o fetotse dintlha dingwe tsa ditsamaiso tsa beile. Kopo ya beile e
Fa mmelaelwa a ka nyatsa kana tsenya mo kotsing maikemisetso kwa go direng go go siameng ga tsela ya tshiamiso ya modiramolato.
Molao wa Tlhabololo ya bobedi ya Tsamaiso ya Modiramolato o okeditse lebaka la botlhano kwa go karolo 60 . le e leng gore kgotlatshekelo e ka sekaseka:
foo mo mabakeng a a itlhopholotseng go nang le kgonego ya gore kgololosego ya mmelaelwa e tla tshwenya tolamiso ya setšhaba kana go nyatsa kagiso ya setšhaba kana tshireletso.
Karolo e ntšhwa 60 (8A) e ne ya okediwa go Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato go tlhalosa mabaka a kgotlatshekelo e ka a tsayang tsia:
Karolo 60 (8A)
Mo go sekasekeng gore a mabaka mo karolotlaleletsong (e) e tlhomilwe, kgotlatshekelo e ka, nako nngwe le nngwe fa go kgonega, ya tsaya tsia mabaka a a latelang e bong:
a. gore a tlholego ya molato kana mabaka a mo go ona molato o dirilweng a tshwanela go tlhagisa kakanyo ya letshogo kana tšhakgalo mo baaging foo molato o dirilweng;
b. gore a letshogo kana tšhakgalo ya baagi e ka isa kwa tlhakatlhakanong ya setšhaba fa mmelaelwa a golotswe;
c. gore a pabalesego ya mmelaelwa e ka bo e beilwe mo kotsing ke kgololo ya gagwe;
d. gore a kakanyo ya kagiso le tshireletsego magareng ga maloko a tshwanetse go tlisiwa mo kgotlatshekelong ya motshegare, seno se kaya gore magareng ga 0:00 go ya 16:00.
Kopo ya beile ka jalo ga e ne e tlhola e tlisiwa kwa kgotlatshekelo morago ga diura.
Beile ya mapodisa
Babelaelwa ba ka nna ba gololwa ka beile ya mapodisa (ka melato e e kwa tlase). Beile ya lepodisa le e ka newa le morago ga diura. Fa motlhankedi wa sepodisi a sa kgone go aba beile go ya ka karolo 59 ya CPA kana a gana go aba beile, motlhankedi wa sepodisi yo o jalo o tshwanetse go isa motho yo o tshwerweng kwa kgotlatshekelo ya molao go dira kopo ya beile ka bonako bo bo kgonegang. Gakologelwa gore kopo e ka tlisiwa fela mo diureng tsa kgotlatshekelo.
Ka bonako jo bo kgonegang go kaya ka bonako jo bo kgonegang ka fa tlase ga mabaka. Seno se ka kaya, sekao, mo lebakeng la go kgweetsa o jele ntshe gore motlhankedi wa sepodisi o isa pele motho yo o tshwerweng kwa ngakeng ya kgaolo go dira gore sampole ya madi e tsewe pele go tseelwa motho yoo kwa kgotlatshekelo. Lebaka la se ke gore sampole ya madi e tshwanetse go tsewa mo diureng tse pedi tsa tshwaro.
Babelaelwa ba ka gololwa ka beile e e rebotsweng ke basekisi ba naga. Beile e e ka rebolwa gape morago ga diura, fela e ka se gapelediwe ke motho yo o tshwerweng mme e kwa tshwetsong ya motlhankedi wa sepodisi. Le fa motlhankedi wa sepodisi a na le setšhaba e tla nyadiwa kana go tsenngwa mo kotsing ke kgololo ya mmelaelwa;
e. fa e le gore kgololo ya mmelaelwa e tla nyadiwa mo kana go tsenya mo kotsing tsholofelo ya setšhaba mo mokgweng wa tshiamo wa modiramolato; kana f. lebaka lengwe le lengwe le mo kakanyong ya kgotlatshekelo le tshwanetseng go sekasekiwa.
Fa nngwe kana pedi ya mabaka a a le teng ke tiro ya motlhankedi wa sepodisi go lwantsha beile. Ka jalo o tlhoka go dira patlisiso fa o rata go ganetsa beile.
Sa botlhokwa
Kwa kopong ya beile, kgotlatshekelo e ka rebola pusetsomorago ya go fitlha malatsi a le supa go ya ka karolo
 ya CPA. Fa kgotlatshekelo e rebola pusetsomorago, o ka dirisa nako e go kgobokanya bopaki bo o tla bo tlhokang go ganetsa kopo ya beile.
Le fa mmelaelwa a na le tshwanelo kwa beileng a ka se thibelelwe go dira kopo ya beile kwa kgotlatshekelo ya molao, go na le ditiro tsa tsamaiso di le mmalwa go dirwa pele motho a ka isiwa kgotlatshekelo go dira kopo ya beile, jaaka go dira rekoto ya tshwaro le go tsaya dikgatiso tsa menwana le disampole tsa madi. Kwa ntle ga fa motho a rata go dirisana, tirisanommogo mo go fetseng ditiro tsa tsamaiso le patlisiso di tla tshwanetse go dirwa maemo a beile.
Go tlisiwa fa pele ga kgotlatshekelo mo diureng tse 48 morago ga tshwaro
Karolo 50 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato e tlhomamisa gore
Tshwetso malebana le mokgwa o wa beile, go botoka gore beile e tshwanetse go rebolwa nako le nako fa go kgonega. Mosekisi o tshwanetse go buisana le motlhankedi yo o batlisisang pele beile e ka rebolwa.
Kgetse ya molao
Beile
Mo kgetseng ya Mosekisi-Kakaretso, Vrystaat v Ramakhosi 1996 A11 SA 207 (C) Go ne go tshotswe gore Mmueledi Kakaretso ga a supa gore go na le kgonego ya gore moikarabedi o tla tsenya mo kotsing pabalesego ya setšhaba kana motho ofe kana ofe yo o rileng kana kgatlhego ya setšhaba kana go diragatsa sekedule mo molatong fa a ne a tshwanetse go gololwa ka beile (tsebe. 219 B-C). Kgotlatshekelo le yona e fitlhetse mo dintlheng gore go na le go se na kgonego ya gore o tla leka go tshabela tsheko ya gagwe kana go leka go tlhotlheletsa kana go tshosetsa dipaki kana go fitlha kana go senya bopaki. (tsebe. 235 F-G). Kgotlatshekelo e sweditse ka go bontsha gore jaaka patlisiso e santse e tla tswelela dikgwedinyana, mmelaelwa, yo e leng rakgwebo, o tla latlhegelwa thata ke madi fa beile e ne e ka gannwe mme, ka jalo gore kgatlhego ya bosiamisi ga e tlhoke tshwaro e e tswelelang ya mmelaelwa.
Tlhokomediso ya motlhagisi
Itsise baithuti ka mrero ya botlhokwa e e latelang:
Fa o sa tlhoke go tshwara motho mo thapameng pele ga bokhutlo bo bo leele ba beke, o se ka wa dira jalo.
Ga se tiro ya motlhankedi wa sepodisi motho yo o tshwerweng o tshwanetse go tlisiwa kwa kgotlatshekelo ya molao mo diureng tse 48 morago ga tshwaro. Karolo 35 (d) ya Molaotheo e ya pejana ka go tlhomamisa gore motho a se tlisiwe fela fa pele ga kgotlatshekelo mo diureng tse 48, mme gore motho o tshwanetse go isiwa kwa kgotlatshekelo ya molao ka bonako bo bo kgonegang. Nako ya diura tse 48 ke nako e e lekaneng mme tiro e sala le sepodisi go tlisa motho kwa kgotlatshekelo ka nako e e bonako bo bo kgonegang mo go utlwalang. Nako ya diura tse 48 e simolola ka bonako jaaka motho a tshwarwa mme a amogiwa kgololosego ya gagwe. Fa sepodisi ka jalo se ka nna mo maemong a go tlisa motho kwa kgotlatshekelo ka nako e e bonakonyana, mme ba tlholega go dira jalo, go tsholwa go go leele go ka fitlhelwa go ne go se mo molaong.
Tshwanelo go fitlhelela kemedi ya semolao
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go itsise motho yo o tswaletsweng motho yo o tshwerweng ka bonako ka tshwanelo go tlhopha le go golagana le modiri wa semolao. Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go itsisiwe ka bonako ka tshwanelo ya go nna le modiri wa semolao yo a mo abetsweng ke naga le ka ditshenyegelo tsa naga, fa bosiamolodi bo bo itshetlhetseng bo ka re gongwe ba tlhagelela karolo 352b le c. Mo tirisong seno se tla swediwa ke motlhankedi wa thuso ya semolao.
Kwa motlhankeding wa sepodisi seno se kaya gore o tshwanetse go neela motho yo o tshwerweng tšhono go golagana le go otlhaya mmelaelwa.
Motho o tsewa a se na molato go fitlha a bonwe molato.
Ke dikgotlatshekelo mme e seng motlhankedi wa sepodisi go otlhaya badiramolato.
Tshwaro e e seng mo molaong le tiriso e e feteletseng ya dikgoka e ka isa kwa tswalelong e e seng mo molaong mme e ka isa kwa ditleleimeng tsa selegae, dikgetse tsa botlolamolao le kemiso nakwana tota.
Kgetse ya molao
Motho yo o latofadiwang a ka tleleima tshwanelo go newa kemedi ya semolao e e duelwang ke naga, fela seno se tla dumelelwa fela foo kgotlatshekelo e akanyang gore fa motho yo o latofadiwang a se na mmueledi, go tla nna le "bosiamolodi bo bo utlwalang."
Motho yo o latofadiwang yo o tlametsweng ka mmueledi ke naga a ka se tlhophe mmueledi yo o rileng.
Go mo go moatlhodi kana magiseterata go swetsa gore a go tla nna le "bosiamolosi bo bo utlwalang" fa molatofadiwa a sa newa kemedi ya semolao ka ditshenyegelo tsa naga.
Tlhokomediso ya motlhagisi
Gakologelwa: Batho botlhe ba ba tshwerweng ke batho ba ba tswaletsweng gape mme ba na le ditshwanelo tse di tshwanang jaaka batho ba ba tswaletsweng. Ditshwanelo tse di tla tlhalosiwa ka fa tlase ga kgaolo mmueledi wa gagwe. Fa motho a se na mmueledi o ka mo tlamela ka maina a babueledi mo lefelong la gago kana ka nomoro ya mogala ya Boto ya Thuso ya Semolao kana mekgatlho e mengwe e e tshwanang mo lefelong la gago. Tlhomamisa gore o na le dinomoro tsa megala tse le gore o itse motlhankedi wa thuso ya semolao kwa kgotlatshekelo ya selegae.
Go tsholwa ka seriti le tlotlo
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go tshola motho mongwe le mongwe yo o tshwerweng ka seriti le tlotlo ka nako ya tshwaro (karolo 10 ya Molaotheo : Seriti sa motho). Motho yo o tshwerweng o tsewa a se na molato go fitlha a bonwe molato ke kgotlatshekelo ya molao.
DITEKANYETSO TSA DITSHWANELO TSA MOTHO YO O TSHWERWENG
Fa ditshwanelo tsa motho di lekanyeditswe ke tshwaro, tekanyetso e tshwanelwa ke go lekiwa kgatlhanong le ditlhokego mo temaneng ya tekanyetso (karolo 36 ya Molaotheo).
Seno se kaya:
Gore tekanyetso e e lekiwang e tshwanetse pele e tsholwe mo molaong wa tiragatso ya kakaretso. Seno se kaya gore go tshwanetse go nne le Molao wa Palamente o o go nayang tshwanelo kwa tshwarong. Mo dikgetseng tse dintsi e tla nna Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato le Melao e mengwe ya Palamente. Molao wa tiragatso ya kakaretso ke molao wa lefatshe, o o e e diranang le batho ba ba tswaletsweng (Karolo 35 ya Molaotheo).
Dintlha
Tiragatso 2.5
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 2.6
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore batlhankedi ba sepodisi ba akanye ka tsela e ba ka lekanyetsang ditshwanelo tsa batho le se ba tshwanetseng go se lebelela fa ba lekanyetsa ditshwanelo tse.
Dintlha tsa motlhagisi
Laela baithuti go buisana ka dipotso tse di latelang mo ditlhopheng tsa puisano:
metsotso
Ke ditshwanelo dife tsa batshwarwa tse di ka lekanyediwang?
Ditshwanelo tse di ka lekanyediwa jang?
Ba kope go di kwala fa fatshe.
Ba kope go leka go bona fa tshwaro (ditekanyetso) e tsamaisana le karolo 36 ya Molaotheo.
Amogela ditshwaelo go tswa setlhopheng sengwe le sengwe tsenyeletsang seemo le molao wa boagisanyi.
Ditshwanelo di ka lekanyediwa go fitlha go tekanyetso e e jalo e e utlwalang. Seno se kaya gore tekanyetso e tshwanetse go utlwala mo mabakeng. Fa e le gore go na le mokgwa wa tekanyetso e e kwa tlase o o ka dirisiwang, ka mantswe a mangwe fa o sa tlhoke go tshwara motho, wena jaaka motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dirisa mokgwa o mongwe.
Tekanyetso e tshwanetse go siama mo setšhabeng se se reetsang sa temokerasi e e ikaegileng ka seriti sa motho, tekano le kgololosego. Seno se kaya gore o tshwanetse gore o be o kgona go tshegetsa ka tolamo ditiro tsa gago morago mokgotlatshekelo ya molao. Setšhaba se se reetsang sa temokerasi se kaya gore batlhankedi ba sepodisi mo ditšhabeng tse dingwe tsa temokerasi ba tshwanetse go dira ka tsela e e tshwanang ka fa tlase ga mabaka a a tshwanang. O tla tshwanelwa ke go tshola mongwe le mongwe ka seriti le tlotlo mme o ntse o ka se kgetholole kgatlhanong le motho ofe kana ofe, go sa kgathalesege gore ke mang. Gakologelwa, motho o tsewa a se na molato go fitlha a bonwe molato mo kgotlatshekelo ya molao.
Go ya ka karolo 36 (a) go ya (e) theo ya tshwano e a dira. Seno se kaya gore kgatako/tekanyetso efe kana efe, go neela sekao, tshwanelo ya motho kwa sephiring kana kgololosego ya motsamao e tshwanetse go tshwana (lekalekana) kwa tlholegong le masising a kotsi e e dirilweng. Go tshwanetse ka jalo go nne le go.
metsotso
Dira puisano ya kakaretso le tshosobanyo.
metsotso
Dilo tse o tla di dirisang ka nako ya tshosobanyo
Karolo 36 ya Molaotheo
Dikarabo tse di kgonegang
Bukatiro ya Ditshwanelo tsa Botho le Tlhokomediso; tsebe. 6.
Dikarolo 10, 12. 14. 21 tsa Molaotheo lekalekana magareng ga tshwanelo ya mong go ya sephiring kana kgololosegong ya motsamao le bogolo jwa kgatako.
TIRISO YA DIKGOKA KA NAKO YA TSHWARO
Selo sa botlhokwa thata go gakologelwa fa o tshwara mmelaelwa ke gore go tshwanetse go nne le go lekalekana magareng ga go dira tiro ya gago sentle le go tlotla ditshwanelo tsa mmelaelwa. Fa babelaelwa ba tshwarwa, ga ba ise ba bonwe tlolo molato ke kgotlatshekelo.
Ka nako ya tshwaro batlhankedi ba sepodisi ga ba dumelelwe go dirisa dikgoka jaaka mokgwa wa go otlhaya motho yo o tshwarwang. Fa dikgoka di sa tlhokege go tshwara motho, o se ka wa dirisa dikgoka gotlhelele. Fa o tlhoka go dirisa dikgoka go dira tshwaro, dikgoka tsa kwa tlase di ka dirisiwa, go go rayang gore boleng bo bo kwa tlase jwa dikgoka jo bo tlhokegang mo mabakeng.
Molaotheo o tiisetsa tshwanelo ya motho mongwe le mongwe -
kwa botshelong;
kwa tlotlong le tshireletsong ya seriti sa gagwe;
kwa kgololosegong le tshireletsong ya motho, tse di tsenyeletsang tshwanelo ya go nna o gololosegile go tswa mekgweng yotlhe ya ntwa go tswa setšhabeng le metsweding ya poraefete mmogo, gore o se bogisiwe kana go tsholwa kana go otlhaya ka setlhogo, sephologolo kana ka tsela e e isang fatshe; le
Dintlha tsa motlhagisi
Peomolao e e maleba mo tirisong ya dikgoka:
Dikarolo 11, 12, le 36 ya Molaotheo.
Karolo 13 ya Molao wa SAPS.
Dikarolo 39 le 49 ya Molao wa Tsamaiso ya Batlolamolao.
Ditaelo tse di amanang le tiriso ya dikgoka mo go diragatseng tshwaro. Taolelo ya Tirelo e e Kgethegileng: 31/1/5/3 ya letlha la 1997 - 01- 07.
Go na gape le maemo a boditšhabatšhaba mo tirisong ya dikgoka le ditlhobolo, go neela sekao:
Athikele 3 ya Maitsholo a Khouto ya Ditšhaba tse di Kopaneng ya Tiisetso ya Molao ya Batlhankedi.
Ditheo tsa Ditšhaba tse Dikopaneng ka Tiriso ya Dikgoka le Ditlhobolo.
Tiragatso 2.6
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 2.7
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka maemo a a farologaneng a dikgoka a a ka dirisiwang ka nako ya tshwaro.
Dintlha tsa motlhagisi
Kopa baithuti go dira puisano ya kakaretso mo maemong a a farologaneng a tiriso ya dikgoka ka nako ya tshwaro, go simolola ka dikgoka tse dinnye tse di ka dirisiwang.
Sobokanya kwa bosephiring ba sebele ba gagwe, mo go tsenyeletsang tshwanelo ya go se tsenngwe kwa go phuruphudiweng ga motho wa gagwe, legae kana thoto kana go tsewa ga ditsagagwe.
Go dirisiwa ga dikgoka go ka tsenelela le ka dinako go lekanyetse bogolo e le nngwe, go feta nngwe, ya ditshwanelo tse di fa godimo. Ka jalo tiriso e ya dikgoka e tshwanetse go nna ka gale go ya ka molao.
Mabaka a go lebelelwa fa o dirisa dikgoka ka nako ya tshwaro
O ka ipotsa dipotso tse di latelang fa o dirisa dikgoka ka nako ya tshwaro:
A tiriso ya dikgoka e siame, e maleba le gore e a dira?
A tiriso ya dikgoka e ka sirelediwa mo kgotlatshekelo ya molao?
A tiriso ya dikgoka e ne ya baka kgobalo e nnye?
Melawana ya tiriso ya dikgoka ka nako ya tshwaro
Dirisa fela dikgoka tse di nnye.
Dirisa fela dikgoka tse di lekanang.
Dirisa fela dikgoka tse di tlhokegang go itshireletsa le bafeti ba ba se nang molato le go diragatsa tshwaro.
Dirisa fela dikgoka tse di lekaneng
O tshwanetse go dirisa fela dikgoka tse di tlhokegang go fenya tshosetso, kgano le tlhaselo. Tshosetso fa e le kgolwane, kgano kana tlhaselo, o ka dirisa dikgoka tse dintsi.
Dintlha
Dintlha
Dirisa dikgoka tse di lekaneng fela
Fa motho a gana go tshwarwa masisi a molato wa magatwe o ka tsaya karolo ya botlhokwa mo go swetseng gore go dirisiwa mefuta efe ya dikgoka. Fa e le molato o monnye, o ntse o ka se dirise mefuta e e rileng ya dikgoka.
MEKGWA YA GO TLHALOSA TEKATEKANO MO TIRISONG YA DIKGOKA
Fa motho a sa gane go tshwarwa ga o a tshwanela go dirisa dikgoka gotlhelele.
Mefuta e e latelang ya mekgwa e tlhalosa theo ya tekatekano le go bontsha maemo a a farologaneng a a dirisiwang ka nako ya tshwaro. (dikgoka tse di lekaneng)
Go nna teng ga motlhankedi wa sepodisi: temogo ya bothati
Fa motho a itlhagisa jaaka motlhankedi wa sepodisi (ka pono le ka go bua). Go baya letsogo go diragatsa tshwaro go kaela kana go gomotsa Kaelo ya puo, ditaelo tsa kaelo kana tshwaro.
Fa motlhankedi wa sepodisi ka go bua a laela kana go laolela motho go dira sengwe. (Sekao: Fa mmelaelwa a tshaba mme motlhankedi wa sepodisi a mo goeletsa gore a eme.)
Taolo ya diatla tse di lolea:
Taolo ya diatla tse di lolea tse di bonolo
Dithekeneki tse di nang le sebaka se se lekaneng sa kgobalo. Sekao: Fa motlhankedi wa sepodisi a tshwara
LEMOGA DIPHAROLOGANO
Tiragatso 2.7
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Ditemana 2.7, 2,8 le 2.9
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore baithuti ba akanye ka tiriso ya ditlhobolo ka nako ya tshwaro le go buisana ka theo ya dikgoka tse di lekaneng.
Motho mo legetleng a bo a mo laela go tsamaya le ena.
Taolo ya diatla tse di lolea tse dithata
Dithekeneki tse di nang le dikgonego tsa kgobalo. Go dirisa ntlha kgatelelo, tsamaelano le botlhoko, go dumela, go dira ka bowena le dithekeneki tsa tiriso ya ditokololo.
Dithekeneki tsa go dira mesifa e e romiwang go se dire
Dikganelo tsa mesifa ya molala e e mo dithoko (fa motlhankedi wa sepodisi a katisitswe), kana pato ya lenao/leoto/letsogo jaaka tiragatso e e maatla ya kgatelelo kwa dikarolong tsa mosifa o o rongwang go tlisa go sa direng ga nakwana ga ditokololo le ka nako e le nngwe ya monagano o o tshogileng. Dipato tse dingwe tse di isang kwa tatlhegelong ya motsamao ya nakwana kana taolo ya mekhenikhale.
Baemedi ba khemikhale
CO/OC (gagola) kana gase ya pepere fa e reboletswe ke lefapha go ya ka ditsamaiso tse di gagametseng tsa pabalesego ka batlhankedi ba ba katisitsweng le go dirisiwa go ya ka bokaedi ba semolao bo bo laolang baemedi ba ba dikhemikhale.
Melangwana/ ditlhabano tsa thulano jaaka di reboletswe ke lefapha di dirisiwa ke batlhankedi ba sepodisi ba ba katisitsweng go ya maemong a bokgoni ka tlhoko.
Tiriso dikgoka e e masisi/ditlhobolo kana dithekeneki tsa go falola tse di ka isang kwa 'losong kana kgobatso ya mmele e e masisi (kgobalo e e masisi)'.
Tlhokomediso ya motlhagisi
Kopa baithuti go buisana ka dipotso tse di latelang:
Motlhankedi wa sepodisi a ka thuntsa leng mmelaelwa yo o tshabang?
A dikgoka di ka dirisiwa go phuruphutsa
Motho yo o tshwerweng?
Tsamaisa puisano ya kakaretso.
Sobokanya.
Dilo tse o tla di dirisang ka nako ya tshosobanyo
Bukatiro ya Ditshwanelo tsa Botho le Tlhokomediso, tsebe 32.
Dintlha
Ka nako ya tshwaro motlhankedi wa sepodisi a ka tshwanelwa ke go dira mo tshireletsong ya poraefete (itshreletso ka mong). Gakologelwa go dirisa fela dikgoka tse di tlhokegang go itshireletsa le bafeti ba ba senang molato.
Morago ga tiriso ya dikgoka dikgotlatshekelo di ka sekaseka mabaka a le mane, e bong :
A tiriso ya dikgoka e ne e tshwanna mo mabakeng?
A go ne go na le tekatekano magareng ga tlhokego ya go dirisa dikgoka le bogolo ba dikgoka bo bo dirisitsweng?
Boleng ba kgobalo ya batho ba ba tshwerweng e ne e le eng?
A dikgoka dine di dirisitswe ka tshwanelo kana ka bomo, mo go sa tlhokegeng kana ka go bogisa?
BATLHANKEDI BA SEPODISI BA KA THUNTSHA LENG MMELAELWA YO O TSHABANG?
Ntlha ya botlhokwa
Seno ke morero wa sengangintshi. Karolo 49 ya CPA e mo tiragatsong ya go kwalwa gape. Diteng tsa karabo e di ka fetolwa.
Molaotheo (Karolo 11) wa re mongwe le mongwe o na le tshwanelo go tshela. Ka jalo, motlhankedi wa sepodisi a ka thuntsa fela motho ka fa tlase ga mabaka a a kgethegileng thata. Go botlhokwa go itse gore molao o go letla leng go thuntsha motho yo o tshabelang tshwaro.
Dintlha
Ditheo tsa tiriso ya dikgoka mo go diragatseng tshwaro karolo 49 ya
Molao wa Tsamaiso ya Badiramolato le Molao wa SAPS o re thusa go tlhaloganya ka fao mapodisa a ka lekanyetsang tshwanelo ya mongwe kwa kgololosegong le tshireletso ya motho. Melao e e go bolelela gore ke mofuta ofe wa dikgoka o o ka o dirisang fa o diragatsa tshwaro.
Gakologelwa, seno se ka fetoga
Mmelaelwa yo o tshabang a ka thunthsiwa fela fa mabaka a marataro a a fitlheletswe:
Gakologelwa, fa o sa tlhoke go dirisa tlhobolo o se ka wa e dirisa.
Mmelaelwa ga twe o dirile tlolomolao e e masisi e e kwadilweng mo pholesing ya sepodisi. Netefatsa gore o na le khophi ya pholese mme o e tsenye mo tlhogong ka tlhokomelo.
Motlhankedi wa sepodisi o leka go tshwara motho ka go twe o dirile mofuta o wa bosenyi.
Mmelaelwa o itse gore motlhankedi wa sepodisi o leka go mo tshwarela mofuta o wa bosenyi.
Ga go tsela e nngwe ya go tshwara mmelaelwa.
Motlhankedi wa sepodisi o kgalemile mmelaelwa gore o tla thuntshiwa fa a sa eme; mme mmelaelwa a ikgatholosa kgalemo.
Matshelo a batho ba bangwe ga a ne a nna mo kotsing fa go thunthsiwa.
Dintlha
Fa mmelaelwa a sa eme, o tshwanetse pele o thuntshe thuntsho e e kgalemang, mme fela fa e ka dirwa kwa ntle ga go tsenya motho yo mongwe osele mo kotsing. Fa mmelaelwa a santse a sa eme, jaanong o ka thuntsa. O tshwanetse go leka go thuntsa kwa karolong ya mmele, jaaka leoto, koo kolo e tshwanelang e ka se bolae mmelaelwa.
Tlhokego ya dikgoka tse di lekaneng e tlamelelwa karolo 13 (b) ya Molao wa Tirelo ya Sepodisi e e tlhagisang gore dikgoka di ka dirisiwa fela ke leloko -
fa a dira tiro ya semmuso; le leloko le amogelwa ke molao go dirisa dikgoka.
Leloko le ka dirisa fela dikgoka tse di lekaneng tse di utlwalang mo mabakeng.
TIRISO YA DIKGOKA GO PHURUPHUTSA MOTHO YO O TSHWERWENG
Jaaka molawana wa tlwaelo, phuruphutso e tshwanetse go dirwa fela go ya ka thebolelo ya phuruphutso (karolo 21 ya CPA) kwa ntle ga fa molao ka totobalo o rebola phuruphutso kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso. Kwa ntle ga dikarolo 22, 23 le 24 tsa CPA, Melao e mengwe e le mmalwa ya Palamente e rebola gape diphuruphutso kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso.
Go ya ka karolo 23 (a) ya CPA, leloko le ka phuruphutsa motho yo a mo tshwerweng mme a tsaya athikele nngwe le nngwe e e boletsweng mo karolong 20 ya CPA e e fitlhelelwang mo go ena
Ya botlhokwa thata
Phuruphutso ya diphatlha tsa
Mmele tsa mong (molatelo le kuku) tsa motho yo o tshwerweng, di tlhoka tiriso boleng ba dikgoka mme di ka dirwa fela ke ngaka kana mooki yo o kwadisitsweng le, mo tiragalong nngwe le nngwe, fela fa go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore athikele e e bolelwang mo karolong 20 e fitlhilwe fa teng.
Dintlha kana mo tsholong kana ka fa tlase ga taolo ya motho yo o tshwerweng.
Go tlhokega gore go bontshiwe gore le fa karolo 23 (a) ya CPA e sa tlhalose go dumela tiriso ya dikgoka go dira phuruphutso, fa go buisiwa le karolo 27 ya CPA go tshwanetse go ranolwe go kaya tiriso ya dikgoka fa tiriso ya dikgoka e tlhokega mo go utlwalang go dira phuruphutso.
Fa motho yo o tshwerweng a ineela mo phuruphutsong e e jalo, dikgoka di ntse di ka se dirisiwe gotlhelele go dira phuruphutso.
Fa motho yo o tshwerweng a gana maiteko a go mo phuruphutsa, dikgoka tse di jalo, jaaka di ka tlhokega mo go utlwalang go fenya kgano, di ka dirisiwa. Mo lebakeng le dikgato tse di kganelang, jaaka dihakaboi, di ka dirisiwa.
Go phuruphudiwa ga batho go go dumeletsweng go ya ka dikarolo 21 le 22 tsa CPA, go tshwanetse, go fitlha fa tiriso ya dikgoka e amegang, go latelwa ka mokgwa o o tshwanang jaaka phuruphutso go ya ka karolo 23 (a) ya CPA.
Bedio ya metsotso e le lesome e teng e e dirang ka tshwaro.
TSHOSOBANYO / DIPOTSO
Mekgwa ya go bona go nna teng ga molatofadiwa kwa kgotlatshekelo ke efe?
Tiragatso 2.8
metsotso
Ntlha ya Mokatisi
Bontsha bedio e e dirang ka tshwaro.
Tiragatso 2.9.
metsotso
Ntlha ya motlhagisi
Morago ga bedio, letla nako ya dipuisano le tshosobanyo.
Dipotso di ka thusa go etelela pele tirego e le go tlhomamisa gore ke merero efe e e sa dirwang.
Lebelela maikemisetso magolo mme le a buisane ka dipotso le dikarabo. Tlhomamisa gore maikemisetso otlhe a fitlheletswe.
Dintlha
Motho yo o tshwerweng o nna le ditshwanelo tse di mo go karolo 35 , le ya Molaotheo leng?
Ditshwanelo tsa motho yo o tshwerweng ke dife?
Melawana ya go dirisa dikgoka ka nako ya tshwaro ke efe, le gore e e kaya eng?
Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go itsisiwe ka ditshwanelo tsa gagwe " ka bonako jo bo kgonegang". Seno se kaya eng?
Tshwanelo ya go didimala e kaya eng?
Motho yo o tshwerweng o tshwanetse go tsholwa jang, le gore go reng?
Tshwaro No. 1: Karolo 10: Seriti sa motho
Tshwaro No. 2: Karolo 12: Kgololosego le tshireletso ya motho
Tshwaro No. 3: Ditshwanelo tsa botho tsa motho yo o tshwerweng.
Tshwaro ya No. 4: Melawana ya tiriso ya dikgoka ka nako ya tshwaro.
Tshwaro ya No.5: Mabaka a go sekasekiwa fa o dirisa dikgoka ka nako ya tshwaro.
Tshwaro No. 6: Mabaka a kgotlatshekelo e tla a lebelelang.
Tshwaro No. 7: Mmelaelwa yo o tshabang a ka thuntsiwa fela fa mabaka a marataro a a fitlhelelwa.
Tiragatso 2.2
Tiragatso 2.3
Tiragatso 2.4
Tiragatso 2.5
Tiragatso 2.6
Tiragatso 2.7
Dintlha
PHOUSETARA KA DITSHWANELO TSA BATHO BA BA TSHWERWENG
Go na le phousetara ya ditshwanelo tsa batho ba ba tshwerweng. Phousetara e tshwanetse go bewa mo leboteng pele ga kokoanothuto ka tshwaro.
MATHERIALE WA MOTSWEDI LE PUISO E E ATLANEGISIWANG
Ditshwanelo tsa Botho le Tlhokomediso: Dikgaolo 14 le 15 Ditshwaelo ka Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato: Kgaolo 5
Bukana ya Tsamaiso ya Modiramolato : kgatiso ya boraro: Kgaolo 7
Dintlha
SERITI SA BOTHO
Karolo 10 ya Molaotheo
Seriti sa botho
Mongwe le mongwe o na le seriti sa tlholego le tshwanelo ya seriti sa bona go tlotliwa le go sirelediwa.
KGOLOLOSEGO LE TSHIRELETSO
YA MOTHO
Karolo 12 ya Molaotheo : Kgololosego le tshireletso ya motho
 Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego le tshireletso ya motho, e e tsenyeletsang tshwanelo-
a go se tseelwe kgololosego ka go ithatela kana kwa ntle ga lebaka;
b go se tswalelwe kwa ntle ga tshekiso;
c go gololosega mo mekgweng yotlhe ya dintwa go tlhaga e ka nna mo setšhabeng kana metswedi ya poraefete;
d go se bogisiwe ka tsela efe kana efe ; le e go se tsholwe kana go kgalemiwa ka tsela e e setlhogo, e e seng ya batho le e e nyenyefatsang.
DITSHWANELO TSA BOTHO TSA BATHO BA BA TSHWERWENG
Go itsisiwe ka mabaka a tshwaro
Go itsisiwe ka ditshwanelo tsa semolao tsotlhe
Go nna o didimetse (go itshwarisa)
Go se gapelediwe go dira kamogelo kana boipobolo kgatlhanong le thato ya bona
Go kopa beile
Go tlisiwa fa pele ga kgotlatshekelo ka bonako jo bo utlwalang mme e seng morago ga diura tse 48 morago ga tshwaro
Tshwanelo go bua le mmueledi
Go tsholwa ka seriti le tlotlo
MELAO YA GO DIRISA DIKGOKA KA NAKO YA GO TSHWARA
Dirisa fela dikgoka tse di lekaneng
Dirisa dikgoka fela tse di lekalekanang
Dirisa fela dikgoka tse di tlhokegang go diragatsa tshwaro
MABAKA A A SEKASEKIWANG FA O DIRISA DIKGOKA KA NAKO YA GO
TSHWARA
A tiriso ya dikgoka e ne e siame, e le maleba e nonofile?
A tiriso ya dikgoka e ka sirelediwa mo kgotlatshekelo ya molao?
A tiriso ya dikgoka e ne ya baka kgobalo e nnye?
MABAKA A KGOTLATSHEKELO E TLA A LEBELELANG
A mokgwa o o seng wa ntwa o tla lekiwa pele?
A theo ya tekatekano le tlhokego e ne ya lebelelwa?
A motlhankedi wa sepodisi o ne a diragatsa kganelo mo tirisong ya ditlhobolo?
Tiriso ya ditlhobolo kgatlhanong le motho ke kgato e e feteletseng: A e ne ya dirisiwa jaaka boitlhophelo ba bofelo?
MMELAELWA YO O TSHABANG A KA THUNTSIWA FELA FA MAEMO A A LATELANG A FITLHELELWA:
Gakologelwa: fa o sa tlhoke go dirisa tlhobolo o se ka wa e dirisa.
Mmelaelwa ga twe o dirile molato o o masisi o o kwadilweng mo pholesing ya mapodisi. Tlhomamisa gore o na le khophi ya pholesi mme o tsenye mo tlhogong ka tlhokomelo.
Motlhankedi wa sepodisi o leka go tshwara motho yo go tweng o leka go dira mofuta o wa bosenyi.
Mmelaelwa o itse gore motlhankedi wa sepodisi o leka go mo tshwarela mofuta o wa bosenyi.
Ga go tsela e nngwe ya go tshwara motho.
Motlhankedi wa sepodisi o kgalemile mmelaelwa gore o tla thuntshiwa fa a sa eme; mme mmelaelwa o ikgatholosa kgalemo.
Matshelo a batho ba bangwe ga a ne a tsenngwa mo kotsing fa go thuntshiwa.
Fa mmelaelwa a sa eme, o tshwanetse go thuntsha pele thunyo ya kgalemo, fa seno se ka dirwa kwa ntle ga go tsenya motho ofe kana ofe yo mongwe mo kotsing. Fa mmelaelwa a santse a sa eme, jaanong o ka thuntsa. Fela o tshwanetse go leka go thuntsha mo karolong ya mmele, jaaka leoto, foo kolo go bontshang e ka se bolae mmelaelwa teng.
TIRAGATSO 2.2
Maikaelelo a tshwaro ke eng?
Tumelo ya go se na molato" e kaya eng?
Ke mekgwa efe go na le ya tshwaro e e leng teng go bona go nna teng ga molatofadiwa mo kgotlatshekelo?
Tiragatso 2.3
Tsela e e siameng ya go tshwara motho ke efe?
Ditshwanelo le maikarabelo a batho ba ba tshwerweng ke dife?
Maikarabelo a batlhankedi ba sepodisi ka nako ya go tshwara ke afe?
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go itsise motshwarwa ka eng ka nako ya go tshwarwa?
TIRAGATSO 2.4
Motho yo o tshwerweng a ka kopa beile leng le gona kwa kae?
TIRAGATSO 2.5
Ke ditshwanelo dife tsa batho ba ba tshwerweng tse di ka lekanyediwang?
Ditshwanelo tse di ka lekanyediwa jang?
TIRAGATSO 2.6
Dira puisano ya kakaretso ka maemo a a farologaneng a tiriso ya dikgoka ka nako ya tshwaro, go simolola ka dikgoka tse dinnye tse di ka dirisiwang.
TIRAGATSO 2.7
Motlhankedi wa sepodisi a ka thuntsa mmelaelwa yo o tshabang leng?
A dikgoka di ka dirisiwa go phuruphutsa motho yo o tshwerweng?
Kgaolo phuruphutso le kgapo
DITENG
PHURUPHUTSO LE KGAPO
Thulaganyo ya thutiso
Maikemisetso
Matseno
Ke melao efe e e dirang mo phuruphutsong le kgapong?
Temana ya tekanyetso le phuruphutso le kgapo
Phuruphutso ka thebolelo: Dikarolo 21 le 25 tsa CPA
Dipoelo tsa diphuruphutso tse di seng ka fa molaong kana diphuruphutso tse di fetang tumelelo mo thebolelong
Phuruphutso kwa ntle ga thebolelo: Karolo 22 ya CPA
Dintlha tsa kakaretso ka maitsholo a batlhankedi ba sepodisi ka nako ya phuruphutso le kgapo
Tiriso ya dikgoka ka nako ya phuruphutso le kgapo
Tiriso ya dikgoka go tsena mo mo mafelong
Tiriso ya dikgoka go phuruphutsa motho
Tiriso ya dikgoka go phuruphutsa mafelo gore go tsewe siathikele
Bedio mo phuruphutsong le kgapong
Tshosobanyo / Dipotso
Matheriale wa motswedi le puiso e e atlanegisiwang
PHURUPHUTSO LE KGAPO
THULAGANYO YA THUTISO YA METSOTSO E LE 60
Diteng
Maikemisetso
Matseno
Ke melao efe e e dirang mo go phuruphutseng le go gapa?
Temana ya tekanyetso le phuruphutso le kgapo
Phuruphutso ka thebolelo: Dikarolo 21 le 25 tsa CPA
Dipoelo tsa diphuruphutso tse di seng ka fa molaong kana diphuruphutso tse di fetileng tumelelo mo thebolelong
Phuruphutso kwa ntle ga thebolelo: Karolo 22 ya CPA
Dintlha tsa kakaretso ka maitsholo a sepodisi ka nako ya phuruphotso le kgapo
Tiriso ya dikgoka ka nako ya phuruphotso le kgapo
Tiriso ya dikgoka go tsena mo lefelong
Tiriso ya dikgoka go phuruphutsa motho
Tiriso ya dikgoka go phuruphutsa mafelo gore go tsewe diathikele
Bedio mo Phuruphutsong le Kgapo
Tshosobanyo / Dipotso
Dilo tse di tla dirwang
Tiragatso 5.1: Buisa maikemisetso
Tiragatso 5.2: Ditherisano tsa ditlhopha, puisano
Tiragatso 5.3: Q&A, puisano
Tiragatso 5.4: Kgetse ya molao
Tiragatso 5.5: Q&A, kgetse ya molao, puisano
Tiragatso 5.6: Q&A, puisano
Tiragatso 5.7: Puisano ya kakaretso
Tiragatso 5.8: Bedio ka phuruphutso le kgapo
Tiragatso 5.9: Dipotso, puisano metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso metsotso
MAIKEMISETSO
Morago ga go fetsa kgaolo e baithuti ba tla kgona go bontsha go tlhaloganya le go tlotla -
ditshwanelo tsa motho yo o phuruphudiwang;
ditshwanelo tsa motho yo mafelo kana dithoto tsa gagwe di phuruphudiwang;
ditshwanelo tsa motho yo thoto e gapiwang ka mabaka a patlisiso, go ya ka Molaotheo: mmogo le kgatako e e tlhomameng ya ditshwanelo tse, ka go dirisa ditheo le dikaelo tse di amoganweng ka nako ya kokoanothutiso mo tirisong ya mmotlolo wa bothata go ya ka Molaotlhomo wa Ditshwanelo; le dipoelo tsa phuruphutso e e seng go ya ka molaotheo.
MATSENO
Phuruphutso le kgapo ke dikgatako tse di masisi thata tsa ditshwanelo tsa motho. Molaotheo o solofetsa motho mongwe le mongwe tshwanelo kwa bosephiring (karolo 14 ya Molaotheo) le tshwanelo kwa kgololosegong le tshireletso ya motho (karolo 12 ya Molaotheo). Ditshwanelo tse di kaya gore Naga (sepodisi) ga se ka ke sa phuruphutsa legae la motho, thoto kana mmele mme se ka se tseye dilo tsa gago, se bule poso ya gago kana se tape mogala wa gago kwa ntle ga go dumelelwa ke molao. Go botlhokwa go lemoga gore ga go epe ya ditshwanelo tse e e nosi ka di ka lekanyediwa. Fa go na le pelaelo e e utlwalang ya gore motho o dirile bosenyi kana go na le mabaka a a lekaneng go dumela gore
Tiragatso 5.1.
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 5.1
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso ke go tlamela maikemisetso a kokoanothutiso.
Ntlha ya motlhagisi
Buisetsa baithuti maikemisetso.
Ba botse gore a ba tlhaloganya maiemisetso.
A tlhalose, fa go tlhokega.
athikele e ne ya dirisiwa go dira bosenyi kana a ka tlamela bopaki gore bosenyi bo ne jwa dirwa kana gore bo tla dirisiwa mo khomiseneng ya bosenyi, Molaotheo (karolo36 ya Molaotheo) e tlamela gore tshwanelo ya motho kwa bosephiring le kgololosego le tshireletso di ka lekanyediwa ka Molao wa Palamente, sekao ke Molao, 1977 wa Tsamaiso ya Modiramolato (Molao 57 wa 1977) o o dumelelang tsamaiso e e jalo. Seno se ka dirwa, sekao, fa motho a phuruphudiwa, fa ntlo ya motho e phuruphudiwa kana fa sengwe se e leng sa motho se tsewa go ya ka molao.
Gakologelwa gore motlhankedi wa sepodisi a ka dira fela phuruphutso le go tsaya diathikele fa a neilwe ke molao maatla go dira jalo. Go botlhokwa gore motlhankedi wa sepodisi a diragatse dithata tse fela ka fa gare ga ditekanyetso tsa ditshiamelo tse di maleba tsa molao le go tlhomamisa gore ditshwanelo tsa botho tsa motho ga di a kgapelwa thoko. Fa motlhankedi wa sepodisi a dira tiro ya gagwe go ya ka molao, dikgatako tse (ditekanyetso) mo ditshwanelong tsa batho di tlabo di le mo molaong (di dumelesega).
Phuruphutso le tseo di ka lekanyetsa ditshwanelo tsa botho tse di latelang, magareng ga tse dingwe :
Tshwanelo kwa seriting sa botho (karolo 10 ya Molaotheo).
Dikao: diphuruphutso tsa sebele kana diphuruphutso tsa mmele
Tshwanelo kwa kgololosegong le tshireletso ya motho (karolo 12 ya Molaotheo)
Tiragatso 5.2
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Ditemana 5.2, 5.3 le 5.4.
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore baithuti ba akanye ka ditlamorago tse phuruphutso le tseo di ka nnang le tsona mo ditshwanelong tsa motho.
Matseno: 2 metsotso
Ditlhopha tsa ditherisano: 5 metsotso
Pegelo: 10 metsotso
Puisano ya kakaretso: 3 metsotso
Ntlha ya motlhagisi
Kopa baithuti go buisana ka tse di latelang mo ditlhopeng tsa ditherisano:
Kwala dikao tsa ditshwanelo tse di ka lekanyediwang ka phuruphutso le tseo.
Ba kope go lebelela temana ya tekanyetso mo tsebeng ya 6 ya dibukatiro le teko fa phuruphutso le tseo di ka bonwa jaaka kgatako e e tshwannang ya ditshwanelo tsa sebele.
Kopa baithuti go tlamela sikao tsa melao (molao wa tiriso ya kakaretso) tse di laolang phuruphutso le tseo.
Amogela pegelo. Kopa motsayakarolo a le mongwe go ithaopa go kwala ditshwanelo tse di ka lekanyediwang mo botong e e nangle karata ya go kwalela ( kuranta) kana tlapakwalelo fa setlhopha se dira pegelo.
Buisanang ka tiragatso tsa temana ya tekanyetso.
Tswalela ka puisano ya kakaretso.
Tshwanelo kwa bosephiring karolo 14 ya Molaotheo.
Dikao: Ditlhaeletsano, diphuruphutso tsa sebele kana diphuruphutso tsa mmele
Ka jalo, o tshwanetse go tlhomamisa gore o dira go ya ka molao o o dirang, sekao Molao wa Palamente le Molaotheo.
Gakologelwa:
Motho o na le ditshwanelo tse di solofeditsweng mo Molaotheong, le fa motho kana thoto ya gagwe e phuruphudiwa mme thoto e tsewa. Go botlhokwa gore kgato ya motlhankedi wa sepodisi e tshwanetse go nna ka fa gare ga melelwane ya molao. Fa ditshwanelo tsa motho di lekanyeditswe ka phuruphutso le tseo, tekanyetso e e jalo e tshwanetse go tsholwa mo go lekaneng.
TEMANA YA TEKANYETSO LE PHURUPHUTSO LE TSEO
Fa nngwe le nngwe ya ditshwanelo tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo di lekanyeditswe, sekao ka phuruphutso le tseo, tekanyetso e tshwanetse go tlhatlhobiwa kgatlhanong le ditlhokego mo temaneng ya ditekanyetso.
Phuruphutso le tseo le tiragatso ya karolo 36 ya Molaotheo di ka ranolwa ka tsela e e latelang:
Tekanyetso e tshwanetse pele go tsholwa mo molaong wa tiragatso ya kakaretso. Seno se kaya gore go tshwanetse go nne le molao o o
Dilo tse o di dirisang ka nako ya tshosobanyo
Karolo 36 mo Bukeng ya tiro, ts.6
Karolo 36 mo go Kgaolo 2 ya Molaotheo
Dintlha kwadilweng(seno se tsenyeletsa molao wa Palamente, melawana, diodinanse, melao tlaleletso) kana molao wa boagisani. Mo lebakeng la phuruphutso le tseo molao wa tiragatso ya kakaretso o tla nna Molao, 1977 wa Tsamaiso ya Modiramolato, Molao, 1969 wa Ditlhobolo le Ditlhabano(Molao No 75 wa 1069) kana Molao, 1992 wa Diritibatsi le Kgwebisano ya Diritibatsi(Molao No 140 wa 1992), karolo 13 ya Molao, 1995 wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (Molao No 58 wa 1995), jj.
Ditshwanelo di ka kgona go lekanyediwa fela go fitlha fa tekanyetso e e jalo e utlwalang. Seno se kaya gore tekanyetso e tshwanetse go utlwala mo mabakeng a ka fa tlase ga ona phuruphutso e tla diragalang. Fa go na le mokgwa o o kwa tlase wa kgano o o tla fitlhelelang maikaelelo a a tshwanang motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dirisa mokgwa oo. Maikaelelo a a tla fitlhelelwang a tla tshwanna phuruphutso. Ka jalo tekanyetso e tla utlwala. Batlhankedi ba sepodisi ga ba a tshwanela go lekanyetsa ditshwanelo tsa motho mo go sa tlhokegeng.
Tekanyetso e tshwanetse go tshwanna mo setšhabeng se se bulegileng sa temokerasi go ikaegilwe ka seriti sa botho, tekano le kgololosego. Seno se kaya gore o tshwanetse go bo o kgona go emela.
Dintlha dikgato tsa gago morago ga phuruphutso le tseo mo kgotlatshekelo ya molao. Setšhaba se se bulegileng sa temokerasi se kaya batlhankedi ba sepodisi mo ditšhabeng tse dingwe tsa temokerasi ba tshwanetse go dira ka tsela e e tshwanang ka fa tlase ga mabaka a tshwanang. O tshwanelwa ka gale go tshola mongwe le mongwe ka tlotlo le ka mokgwa o o nang le seriti le ka tsela e go ka solofelwang mo go utlwalang go tswa batlhankeding ba sepodisi ba bangwe. O ntse o ka se kgetholole ka fa go sa siamang kgatlhanong le motho mongwe le mongwe. Gakologelwa gore motho o tsewa a se na molato go fitlha a bongwe molato mo kgotlatshekelo ya molao.
Mo tebegong ya karolo 36 go ya (e) theo ya tekatekano ka gale e a dira. Seno se kaya gore kgatako nngwe le nngwe ya tshwanelo ya motho kwa sephiring e tshwanetse go lekalekana kwa tlholegong le masising a kotsi e e bakwang ke tekanyetso. Go tshwanetse ka jalo go nne le tekatekano magareng ga tshwanelo ya motho go ya sephiring le boleng ba kgatako. Ditshwanelo di tshwanetse go lekanyediwa fa go lekaneng. Maikaelelo a tshwanetse go tshwanna phuruphutso(kgatako).
KE MELAO EFE E E LAOLANG PHURUPHUTSO LE TSEO.
Molao, 1977 wa Tsamaiso ya Modiramolato (Molao No 57 wa 1977)
Tiragatso 5.3
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 5.5
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka phuruphutso ka thebolelo.
Ntlha ya motlhagisi
Dira puisano ya kakaretso mo dipotsong tse di latelang.
O ka bona kae thebolelo?
Ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go nna teng mo kopong ya thebolelo?
Buisana ka se se tla bong se tshotswe mo thebolelong.
Phuruphutso e tshwanetse go dirwa leng?
A o tshwanetse go tlamela khophi ya thebolelo ya phuruphutso kwa go mong kana monni?
Sobokanya
Dilo tse o tla di dirisang ka nako ya tshosobanyo
Dintlha
Molawana o mongwe go tsenyelediwa le Molao, 1969 wa Ditlhobolo le Ditlhabano (Molao No 75 wa 1969), Molao, 1992 wa Diritibatsi le Kgwebo ya Diritibatsi (Molao No 140 wa 1992), Molao, 1991 wa Taolo ya Masele (Molao No. 96 wa 1991) Molao, 1959 wa Bogodu jwa Leruo (Molao No. 57 wa 1959) le karolo 13 ya Molao, 1995 wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (Molao No. 68 wa 1995).
5. PHURUPHUTSO KA THEBOLELO : DIKAROLO 21 LE 25 TSA CPA
Tshwanelo kwa bosephiring ke motheo wa tshwanelo ya botho. Tshireletso kgatlhanong le dikgatako tse di sa utlwaleng di sa tshwannang tsa tshwanelo ya motho kwa bosephiring ka jalo e botlhokwa. Go sireletsa ditshwanelo tsa mong le go tlhomamisa gore batlhankedi ba sepodisi ba dira go ya ka molao go a gapelesega go bona thebolelo pele ga phuruphutso le tseo di dirwa. Karolo 21 ya CPA e tlamela tshireletso nngwe ka go batla gore athikele 'e tla tsewa fela ka thebolelo ya phuruphutso' Thebolelo e e jalo e ka ntshiwa fela ke motlhankedi wa boatlhodi, k.g.r. magiseterata kana rakagiso (go tseneyelediwa motlhankedi wa SAPS). Motlhankedi wa bosiamisi o tla sekaseka tshedimosetso e e beilweng pele ga gagwe la mokgwa wa diafidafeti.
Dintlha le go dirisa bogaagwe go swetsa gore a phuruphutso e a tshwanna, e mo lebakeng le le jalo thebolelo ya phuruphutso e tla ntshiwang ke motlhankedi yo o maleba. Go bona thebolelo ya phuruphutso ka jalo go tla dira jaaka tshireletso kgatlhanong le dikgatako tse di sa utlwaleng kana di sa tshwannang tsa tshwanelo kwa bosephiring, jaaka tshedimosetso e mo go yona phuruphutso e tla dirwang e tla nna go ya ka tshekatsheko e e ikemetseng.
Thebolelo ya phuruphutso e tshwanetse botoka e bonwe go tswa motlhankeding wa boatlhodi (magiseterata kana moatlhodi). Batlhankedi le bona ba na le dithata tsa go rebola, fela ba ka se amege mo tshekatshekong e ka yona thebolelo ya phuruphutso e tlhokegang. Motlhankedi yo o tshwanetse go ikemela le go se tseye letlhakore gore a dire tshwetso gore a a ntshe thebolelo kana nnyaya ka bopaki fa pele ga gagwe. Batlhankedi ba dumelelwa go ntsha thebolelo mme batlhankedi ba sepodisi ga ba a tshwanela go okaoka go dirisa mokgwa o go bona thebolelo, segolo fa go magisetara yo o nang a le teng. Thebolelo e e bonwang go tswa go magisetarata le motlhankedi e dira ka go tshwana. Go botoka go phuruphutswa ka thebolelo e e ntshitsweng ke motlhankedi go na le go phuruphutsa kwa ntle ga thebolelo gotlhelele.
Kopo ya thebolelo e tshwanetse go tshola tshedimosetso ka fa tlase ga maikano e e bontshang mabaka a a utlwalang go dumela gore -
molato o ne wa dirwa kana o gaufi le go dirwa;
diathikele dingwe di amega mo molatong kana molato o o ikaeletsweng kana e ka nna bopaki jwa khomisene ya molato; Karolo 20 ya CPA; le diathikele tse di jalo di mo mothong mongwe kana mo mafelong mangwe.
Thebolelo e dumelela phuruphutso ya motho yo o totobetseng kana mafelo le diathikele tse di totobetseng.
Thebolelo e baya mafelo a a totobetseng go phuruphudiwa.
Thebolelo e baya motho go phuruphudiwa (seno se ka tsenyeletsa motho mongwe le mongwe yo o fitlhetsweng mo mafelong a a lemogilweng).
Thebolelo e tshwanetse go diragadiwa motshegare kwa ntle ga fa go dumeletswe ka tsela e nngwe, morago ga fa leloko le tlhalositse lebaka le le siameng gore go reng e tshwanetse go dirwa bosigo.
Thebolelo e tla nna go dira go fitlha e diragadiwa kana e phimolwa ke motho yo o e rebotseng kana motho yo o nang le bothati bo bo tshwanang.
Morago ga fa phuruphutso e dirilwe, khophi ya thebolelo e tshwanetse go neelwa motho yo ditshwanelo tsa gagwe di amegileng. Yo ka gale e tla nna mong kana monni wa mafelo kana motho yo o neng a phuruphudiwa.
Tiragatso 5.4.
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 5.6
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka dipoelo tsa diphuruphutso tse di seng ka fa molaong kana diphuruphutso tse di fetang bothati mo thebolelong.
Ntlha ya motlhagisi
Kopa baithuti go araba dipotso tse di latelang:
Poelo ya phuruphutso e e seng ka fa molaong e tla nna eng?
A dikgotlatshekelo di tla amogela bopaki bo bo bonweng ka phuruphutso e e seng ka fa molaong?
Buisetsa baithuti sekao se.
Kgetse ya molao
 A11 SA 121 (C) motlhankedi yo o batlisisang o tsena lefelobonno la molatofadiwa wa ntlha kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso mme a tsaya dilo tse di rileng, go tsenyelediwa tse di leng mo kgetseng tse e leng tsa molatofadiwa wa boraro. Molatofadiwa wa ntlha o dumeletse phuruphutso ya lefelobonno la gagwe, fela go ne go se na bopaki gore molatofadiwa wa boraro o dumeletse gore kgetse ya gagwe e phuruphudiwe. Kgotlatshekelo e tshotse gore dikgato tsa motlhankedi yo o batlisisang di tlhama ikgatholoso ya ka bomo le e e thathamologetsweng ya
DIPOELO TSA DIPHURUPHUTSO TSE DI SENG KA FA MOLAONG KANA DIPHURUPHUTSO TSE DI FETANG BOTHATI MO THEBOLELONG
Bomasisi bo bo tseneletseng bo mo go bona bothati bo bonang dikgatako tse di seng ka fa molaong tsa tshwanelo ya motho go ya bosephiring le bona bo bontshiwa ka ditshiamelo tsa karolo 28 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato. Karolo e e tlamela gore motlhankedi wa sepodisi yo o dirang go se tsamaisane le bothati ba thebolelo ya phuruphutso, kana yo o phuruphutsang kana go tsaya kwa ntle ga go dumelelwa koo, o tla bonwa molato wa tlolomolao. Motswasetlhabelo wa kgato e e seng ya semolao e e jalo o tshwanelwa le ena go tsenya tleleime ya selegae kgatlhanong le sepodisi.
Karolo 28 ga e tsenyeletse ditatofatso tse di ka tlisiwang kgatlhanong le leloko le le dirileng phuruphutso le tseo tse di seng ka fa molaong. Di tsenyeletsa bosenyi ba molao wa boagisanyi jaaka crimen injuria, petso, tshenyo ya ka bomo kwa dithotong le bogodu.
Sekgoreletsi se sengwe ke lebaka la gore karolo 35 ya Molaotheo e tlhalosa gore bopaki bo bo bonweng mo ikgatholosong ya tshwanelo e e itshetlegileng e tshwanetse go ntshiwa mo tshekong, fa kamogelo ya seo e tla dira gore tsheko e se ka ya kgotsofatsa kana e nne le tshenyo mo tsamaisong ya bosiamisi. Seno se kaya gore bopaki bo bo jalo bo ka se amogelege mo kgotlatshekelo. Ditlamorago tsa se e ka nna kgololo ya motho yo o latofadiwang.
tshwanelo ya motheo kwa bosephiring ba molatofadiwa wa boraro. Kgotlatshekelo go ya pele e tshotse gore go ne go se na bopaki bo bo tshwaraganyang dilo tse di tserweng go tswa mo kgetseng ya molatofadiwa wa boraro ka bosenyi bo bo bolelwang le gore maikaelelo a a bolelwang a motlhankedi yo o batlisisang fa go tshwarwa dilo tse e ka bo e ne e se go sireletsa tshenyo ya bopaki ba matheriale.
Tiragatso 5.5
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 5.7
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka phuruphutso kwa ntle ga thebolelo
Dipotso le dikarabo
A motlhankedi wa sepodisi a ka phuruphutsa kwa ntle ga thebolelo mme, fa go le jalo, leng?
Kgetse ya Molao
Mo go S v Motloutsi 1996 SACR 78 (C), kgotlatshekelo e sweditse gore koo motlhankedi a neng a le teng, lebaka la gore magiseterata o ne a se teng ka fa go kgonegang e ka se nne seitshwarelelo gore go bo go sa bonwa thebolelo ya phuruphutso.
Karolo 22 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato:
Mabaka a mo go ona diathikele di ka tsewang kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso
PHURUPHUTSO KWA NTLE GA THEBOLELO : KAROLO 22 YA CPA
Molawana wa kakaretso e tshwanetse go nna go phuruphutsa ka thebolelo. Phuruphutso le tseo di tlhama kgatako e e masisi ya tshwanelo ya motho kwa sephiring, molawana wa gore thebolelo e a tlhokega ke tshireletso ya semolao e e botlhokwa. E tlhoka gore dintlha tse di leng teng di tshwanetse pele go sekasekwa ke motho yo o sa tseyeng letlhakore a le maikarabelo yo o tshwanetseng go swetsa gore a tumelo ya leloko, e bong gore phuruphutso le tseo di a tshwanna, di a utlwala. Tshireletso e, le gale e a katogiwa fa phuruphutso e dirwa kwa ntle ga thebolelo le gorego ne go sa kgonege go bona thebolelo ya phuruphutso. Mo mabakeng mangwe, le gale, go ntse go ka se kgonege go bona thebolelo ya phuruphutso, sekao fa mabaka a tlhoka kgato ya ka bonakogo tlhomamisa gore bopaki ga bo ne bo senngwa. Tshiamelo ka jalo e diretswe, sekao, karolo 22 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato gore diphuruphutso le ditseo di dirwe kwa ntle ga thebolelo.
Mabaka a mangwe a leloko le ka dirang phuruphutso kwa ntle ga thebolelo.
Mo tshwarong
Batlhankedi ba sepodisi ba tshwanetse go phuruphutsa motho mo tshwarong. Seno se diragala kwa ntle ga thebolelo mme e bile ga se gore ga go ka fa molaong. Karolo 23 ya CPA e tlamelela
Motlhankedi wa sepodisi a ka re kwa ntle ga thebolelo ya phuruphutso motho mongwe lemongwe kana setshola kana mafelobonno ka mabaka a go tsaya athikele nngwe le nngwe e e bolelwang mo go karolo 20.
a motho yo o amegang o dumelela phuruphutso e e jalo le tseo ya athikele e e bakiwang, kana fa motho yo o ka dumelelang phuruphutso ya setshola kana mafelobonno a dumelela phuruphutso e e jalo le tseo ya athikele e e bakiwang; kana b fa ena mo mabakeng a a utlwalang a dumela -
i gore thebolelo ya phuruphutso o tla e ntshediwa ka fa tlase ga temana a ya karolo 211 fa a kopa thebolelo e e jalo; le ii gore tiego mo go boneng thebolelo e e jalo e tla fenya maikaelelo a phuruphutso.
Tiragatso 5.6.
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 5.8
Dipotso le dikarabo
Kopa baithuti go araba dipotso tse di latelang:
A motlhankedi wa sepodisi wa monna a ka phuruphutsa mosadi?
Fa go se na motlhankedi wa sepodisi wa mosadi, motlhankedi wa sepodisi wa monna o tshwanetse go dira eng?
Phuruphutso ya moth yo o tshwerweng mmogo le mafelobonno a motho yo o tshwerweng ka fa tlase ga mabaka a a rileng. Lebaka la se ke go boloka maemo, go boloka motho yo o tshwerweng go mo thibelela go ikgobatsa, go thibela maemo a mo go ona motlhankedi wa sepodisi kana motho ofe kana ofe yo mongwe a ka tlhaselwang le go bona bopaki kgatlhanong le motho yo o tshwerweng.
Tumelelo
Le fa ditlhokego tsa go dira kwa ntle ga thebolelo di tshwana jaaka fa o dira ka thebolelo dikgotlatshekelo di aga di tshola dikgetse tse di jalo ka go se tshwane mme di tla tlhomamisa gore ditlhokego tsotlhe di fitlheletswe fa o dira kwa ntle ga thebolelo. Kgotlatshekelo e tla gagamatsa gonne mokgatlho o o ikemetseng ga o a bopa karolo ya tirego ya go dira ditshwetso.
DINTLHA KA KAKARETSO KA MAITSHOLO A BATLHANKEDI BA SEPODISI KA NAKO YA PHURUPHUTSO LE TSEO
Diphuruphutso tsotlhe le ditseo di tshwanetse go dirwa ka tlhokomelo malebana le seriti. Seno se kaya gore o tshwanetse go tshola batho le thoto ka tlotlo mme go se nne le tshenyo e e sa tlhokegeng kana tlhakatlhakano e tshwanetse go tlholwa. Kgato e e siameng e tla nna go tshola batho ba bangwe le thoto ya bona ka mokgwa o o tshwanang jaaka o ka rata o tsholwa mo
Dilo tse o tla di dirisang ka nako ya tshosobanyo
Karolo 29 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato
Karolo 29 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato
Phuruphutso ya motho mongwe le mongwe kana mafelobonno e tla dirwa ka tlhoko malebana le botho le tolamo, mme mosadi o tla phuruphudiwa ke mosadi fela mme fa go se na motlhankedi wa sepodisi, phuruphutso e tla dirwa ke mosadi mongwe le mongwe yo o tlhometsweng lebaka ke motlhankedi wa sepodisi.
Dintlha mabakeng a a tshwanang. Seno go ya ka karolo 10 ya Molaotheo. Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato o tlamela gape dikaelo go tlhomamisa gore diphuruphutso tsotlhe le ditseo di fitlhelela ditlhokego tsa botho ba motho (karolo 29 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato).
Diphuruphutso tsa mmele di tshwanetse go diragala mo sephiring. Seno ke go tlhomamisa gore seriti sa motho se sireleditswe. Fa e le gore ga go na motlhankedi wa sepodisi wa mosadi go phuruphutsa mosadi, motlhankedi wa sepodisi wa monna a ka kopa mosadi mongwe le mongwe go tswa setshabeng go phuruphutsa mosadi yo o jalo.
Ya botlhokwa
Phuruphutso e e kwa teng, seno se kaya phuruphutso ya diphatlha tsa mmele wa motho (kuku le sebono), e ka tsewa fela ke ngaka. Phuruphutso e e jalo e ka tsewa fela fa go na le mabaka a a utlwalang go dumela gore athikele e e bolelwang mo go karolo 20 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato e fitlhilwe mo karolong eo ya mmele wa motho yo o tshwerweng.
TIRISO YA DIKGOKA KA NAKO YA PHURUPHUTSO LE TSEO
Motlhankedi wa sepodisi a ka phuruphutsa ka semolao motho ofe kana ofe kana mafelobonno afe kana afe ka mabaka a go bona bopaki ba ka dirisa dikgoka tse di jalo jaaka go ka tlhokega mo go utlwalang go fenya kgano nngwe
Dintlha le nngwe kgatlhanong le phuruphutso e e jalo le tseno (karolo 27 ya CPA). Seno se kaya gore batlhankedi ba sepodisi ba ka dirisa dikgoka tse di jalo jaaka go ka tlhokega mo go utlwalang mo mabakeng. Tlhokego mo go utlwalang e kaya gore fa o sa tlhoke go dirisa dikgoka dipe, ga o a tshwanela go dikgoka dipe gotlhelele. O ka dirisa fela boleng ba dikgoka bo bo tlhokegang go fenya tshosetso kana kgano mme e seng go feta (karolo 13 ya Molao wa SAPS: Dikgoka tse di lekaneng).
Dirisa dikgoka go tsena mo mafelobonnong
Go ya ka karolo 27 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka tse di tlhokegang go tsena mo mafelobonnong go dira phuruphutso. Pele dikgoka dipe di ka dirisiwa motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse ka go utlwala a batle tseno le go neela lebaka gore go reng a rata go tsena mo mafelobonnong. Motlhankedi wa sepodisi a ka roba lebati a le bula kana letlhabaphefo go bona tseno. Fa e le gore ga go tlhokege go dirisa dikgoka dipe gotlhelele go se nne le dikgoka dipe tse di dirisiwang.
Go na le phapogo mo molawaneng wa kakaretso. Fa motlhankedi wa sepodisi a na le mabaka a a utlwalang go dumela gore athikele nngwe le nngwe e e leng setlhogo sa phruphutso e ka senngwa kana e ka latlhiwa fa tseno ya yona ka kutlwalo e ne e batla pele le lebaka la
Dintlha
Tiragatso 5.7
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Temana 5.9
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go buisana ka tiriso ya dikgoka go phuruphutsa mafelobonno gore go tsewe diathikele.
Ntlha ya motlhagisi
Kopa baithuti go dira puisano ya kakaretso ka tse di latelang:
A motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka go tsena mo mafelobonnong gore a dire phuruphutso?
A motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka go tsaya thoto?
Buisanang ka ditheo tse tsa kakaretso tse di dirang go phuruphutsa le go tsaya.
tseno le tlhalositswe, leloko le ka dirisa dikgoka tse di jalo jaaka go tlhokega mo go utlwalang. Seno se tla diragala foo athikele e e leng setlhogo sa phuruphutso e le nnye thata kana e na le boleng bo bo nnye jwa diritibatsi tse di ka senngwang bonolo kana go latlhiwa ga, sekao, ka go e tlogelela go ya le metsi kana ka go e kometsa kana fa matshelo a maloko a le mo kotsing fa ba ne ba tshwanetse go kokota, go tsaya sekao, fa maloko a itse gore motho ka fa agre o na le tlhobolo. Phapogo e e itsiwe ka "temana ya ga go mokokoto" .
Tiriso ya dikgoka go phuruphutsa motho
Karolo 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato e dumelela motlhankedi wa sepodisi go phuruphutsa motho yo o tshwerweng le go tsaya athikele nngwe le nngwe e e boletsweng mo go karolo 20 ya CPA, e e fitlhelwang mo go ena. Fa tiriso ya dikgoka e tlhokega, dikgoka tse di utlwalang di ka dirisiwa. Melawana e e dirang mo diphuruphutsong tsa katamelano ya sebele di tshwanetse go bewa mo kakanyong.
Theo ya dikgoka tse di lekaneng e tshwanetse ka gale e lebelelwe. Fa go se dikgoka tse di tlhokegang go tsaya selo go se nne le dikgoka tse di dirisiwang.
Tiriso ya dikgoka go phuruphutsa mafelobonno gore go tsewe dithoto
Sobokanya
Dilo tse o tla di dirisang ka nako ya tshosobanyo
Dintlha
Tiragatso 5.8.
metsotso
Ntlha ya motlhagisi
Bontsha bedio e e dirang ka phuruphutso le tseo.
Ya botlhokwa
Karolo ka "Phuruphutso le tseo" e pele ga " Patlisiso ya Bosenyi" e tsentswe mo bediong.
Karolo 27 ya Molao wa Tsamaiso ya Modiramolato e dumelela tiriso ya dikgoka ka mabaka a mabedi:
Go bona botseno kwa mafelobonnong gore phuruphutso e dirwe.
Go dira phuruphutso ka boyona
Dikgoka di tshwanetse go dirisiwa fela fa kgano e neelwa mme jalo jaaka tlhoko ya bofelo. Tiriso ya dikgoka e tla nna ka fa molaong fa phuruphutso e le mo molaong. Gakologelwa, fa o sa tlhoke go dirisa dikgoka dipe o se ka wa dirisa dikgoka gotlhelele.
Dikao: O ntse o ka se thube go bula llai go batla baesekele. O ntse o ka se thube go bula setshola se se bontshang tsa ka fa gare se mo go sona diteng di bonalang ka tlhamalalo.
Dintlha ka phuruphutso le tseo
Phuruphutsa fela mo mafelong foo diathikele gongwe di ka fitlhelwang. (Sekao: Sete ya thelebišene ga e ne e lekana mo lebokosong la dibenyane).
Phuruphutso e tshwanetse go diragala magareng ga letsatsi le tlhaba le letsatsi le phirima kwa ntle ga fa thebolelo e bega sesele.
Tlamela khophi ya thebolelo ya phuruphutso kwa monning wa mafelobonno mo kopong; morago ga fa phuruphutso e sena go dirwa.
Dithebolelo di ka dirisiwa fela gangwe.
Kgatako ya tshwanelo ya motho e tshwanetse go tsholelwa kwa tlase jaaka mabaka a tlhoka.
Dikgoka di ka dirisiwa fela fa go tlhokega gotlhelele.
Tiragatso 5.9.
metsotso
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso ke go sobokanya kokoanothutiso le go araba dipotso dingwe le dingwe tse di saletseng.
Ntlha ya motlhagisi
Morago ga bedio dumelela nako ya dipuisano le tshosobanyo.
Dipotso di ka thusa go etelela pele tirego.
Gakologelwa :
Gore maikemisetso a Molaotheo ga se go thibelela patlisiso e e tseneletseng ya bosenyi, mme go sireletsa motheo wa ditshwanelo tsa botho tsa batho botlhe.
BEDIO KA PHURUPHUTSO LE TSEO
Go na le bedio ya metsotso e le 10 ka "Phuruphutso le Tseo".
TSHOSOBANYO / DIPOTSO
Dikarolo 12 le 14 tsa Molaotheo di kaya eng mo kamanong le phuruphutso le tseo?
Ke ka ntlha ya eng e le tiro e e siameng go bona thebolelo ya phuruphutso pele ga phuruphutso?
Ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go nna teng mo thebolelong?
Poelo ya phuruphutso e e seng ka fa molaong ke efe kana phuruphutso e e fetang tetla?
A motlhankedi wa sepodisi a ka phuruphutsa kwa ntle ga thebolelo?
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng pele a ka kgona go dirisa dikgoka go tsena mafelobonno mangwe le mangwe ka mabaka a phuruphutso le tseo? A go na le phapogo kwa molawaneng o?
Thebolelo e tla nna e dira sebaka se se kana kang, le gore e ka dirisiwa gakae?
Phuruphutso No.1: Tshwanelo kwa bosephiring Karolo 14
Dintlha
Phuruphutso No 2: Kopo ya phuruphutso ya dithebolelo
Phuruphutso No 3: Dintlha ka dithebolelo
Phuruphutso No 4: Dintlha ka phuruphutso le tseo
Tiragatso 5.2
Tiragatso 5.3
Tiragatso 5.4
Tiragatso 5.5
Tiragatso 5.7
MATHERIALE WA MOTSWEDI LE PUISO E E ATLANEGISITSWENG
TSHWANELO KWA BOSEPHIRING
Karolo 14 ya Molaotheo: Bosephiri
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo kwa bosephiring, e e tsenyeletsang tshwanelo go se nne le-
a motho wa bona kana legae di phuruphudiwa;
b thoto ya bona e phuruphudiwa;
c dithoto tsa bona di tshwarwa; le d bosephiri jwa ditlhaeletsano tsa bona bo tsenelelwa.
KOPO YA DITHEBOLELO TSA PHURUPHUTSO
Kopo ya thebolelo e tshwanetse go tshola tshedimosetso ka fa tlase ga maikano a a bontshang mabaka a a utlwalang go dumela gore -
Molato o dirilwe kana ke ka ga go dirwa;
Diathikele tse di rileng di amega mo molatong kana molato o o ikaeletsweng kana e ka nna bopaki gore molato o dirilwe;
Diathikele tse di jalo di mo thuong ya motho yo o rileng kana mo mafelobonnong a a rileng.
Thebolelo e tla dumelela phuruphutso ya motho yo o rileng kana mafelobonno le dithoto tse di rileng kana dilo.
DINTLHA KA DITHEBOLELO
Thebolelo e tla tlhagisa mafelobonno a a tla phuruphudiwang.
Thebolelo e tla tlhagisa motho go phuruphudiwa (seno se ka tsenyeletsa motho mongwe le mongwe yo o fitlhelwang mo mafelobonnong a a lemogilweng).
Thebolelo e tla dirwa mo motshegareng kwa ntle ga fa go dumeletswe ka sesele.
Thebolelo e tla sala e dira go fitlha e dirile kana e phimotswe ke motho yo o e ntshitseng kana motho yo o nang le bothati jo bo tshwanang.
Khophi ya thebolelo e tshwanetse go neelwa motho yo ditshwanelo tsa gagwe di ka amegang, yo ka gale a tla nnang mong kana monni wa mafelobonno.
Thebolelo e tshwanetse go dirisiwa ka tlhoko mo gare ga ditlhaloso tse di builweng mo thebolelong.
Dithebolelo di ka dirisiwa fela gangwe.
DINTLHA KA PHURUPHUTSO LE TSEO
Phuruphutso fela mo mafelong koo dithoto gongwe di ka fitlhelwang.
Phuruphutso e tshwanetse go diragala magareng ga letsatsi le tswa le letsatsi le phirima kwa ntle ga fa thebolelo e tlhagisa ka tsela e nngwe.
Tlamela khophi ya thebolelo ya phuruphutso kwa monning wa mafelobonno mo kopong, morago ga phuruphutso e dirilwe.
Thebolelo ya phuruphutso e tshwanetse go bontshiwa kwa mothong pele go simololwa ka phuruphutso, fa motho a le teng.
Phuruphutso e tshwanetse go nna jaaka theo ya kakaretso e e dirwang mong a le teng kana monni wa mafelobonno.
Kgatako ya tshwanelo ya motho e tshwanetse go bewa mo e lekaneng jaaka mabaka a tlhoka.
Dikgoka di ka dirisiwa fela fa go tlhokega gotlhelele.
TIRAGATSO 5..2
Kwala dikao tsa ditshwanelo tse di ka lekanyediwang ka phuruphutso le tseo.
Ithute temana ya ditekanyetso mo go tsebe 6 ya dibukatiro le teko fa phuruphutso le tseo di ka bonwa jaaka kgatako e e utlwalang ya ditshwanelo tsa motho.
TIRAGATSO 5.3
O ka bona kae thebolelo?
Ke tshedimosetso efe e e tshwanetseng go nna mo kopong ya thebolelo?
Buisanang ka se se tla tsholwang mo thebolelong.
Phuruphutso e tshwanetse go dirwa leng?
A o tshwanetse go tlamelela khophi ya phuruphutso kwa go mong kana monni?
TIRAGATSO 5.4.
Poelo ya phuruphutso e e seng mo molaong e tla nna eng?
A dikgotlatshekelo di tla amogela bopaki bo bo bonweng ka phuruphutso e e seng mo molaong?
TIRAGATSO 5.5
A motlhankedi wa sepodisi a ka phuruphutsa kwa ntle ga thebolelo le, mme fa go le jalo, leng?
TIRAGATSO 5.6
A motlhankedi wa sepodisi wa monna a ka phuruphutsa mosadi?
Fa go se na motlhankedi wa sepodisi wa mosadi, motlhankedi wa sepodisi wa monna o tshwanetse go dira eng?
Tiragatso 5.7.
A motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka go tsena mafelobonno gore a dire phuruphutso?
A motlhankedi wa sepodisi a ka dirisa dikgoka go tsaya thoto?
Kgaolo ditshwanelo tsa botho le kgalemo
DITENG
DITSHWANELO TSA BOTHO LE KGALEMO
Thulaganyo ya thutiso
Maikemisetso
Matseno
Ditshotlo tsa ditshwanelo tsa botho le kgalemo
Go palelwa mo letlhakoreng la motlhankedi wa sepodisi go tlotla ditshwanelo tsa botho
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a bona motlhankedi wa sepodisi yo mongwe a dira tshotlo ya ditshwanelo tsa botho
ICD e tla dira eng fa motlhankedi wa sepodisi kana leloko la setšhaba le tsenya ngongorego le ICD?
Theo ya tshiamo le tekano (kgato fela ya tsamaiso)
Tshoboko / Dipotso
DITSHWANELO TSA BOTHO LE KGALEMO
METSOTSO E LE 60
THULAGANYO YA THUTISO
Diteng
Maikemisetso
Matseno
Ditshotlo tsa ditshwanelo tsa botho le kgalemo
Go palelwa mo letlhakoreng la motlhankedi wa sepodisi go tlotla ditshwanelo tsa botho
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a bona motlhankedi wa sepodisi yo mongwe a dira tshotlo ya ditshwanelo tsa botho?
ICD o tla dira eng fa motlhankedi wa sepodisi kana leloko la setshaba le tsenya ngongorego le ICD?
Theo ya tshiamo le tekano(kgato ya tsamaiso fela)
Tshosobanyo / dipotso
Dilo tse di tla dirwang
Tiragatso 7.1: Buisa maikemisetso
Tiragatso 7.3: Puisano ya setlhopha
Tiragatso 7.4: Puisano
Tiragatso 7.5: Dipotso, puisano
MAIKEMISETSO
Morago ga go fetsa kgaolo e baithuti ba tshwanetse go itse le go tlhalosa -
se se ka diragalang (ditlamorago) fa motlhankedi wa sepodisi a dira tshotlo ya ditshwanelo tsa botho;
se motlhankedi wa sepodisi a tshwanetseng go se dira fa a bona tshotlo ya ditshwanelo tsa botho;
ditheo tsa tshiamo le tekano (tsamaiso ya bosiamisi); le seabe sa Bokaedi ba Dingongorego bo bo Ikemetseng (ICD) mo go tlhomamiseng maitsholo a a siameng go ya ka Molaotheo.
MATSENO
Ditshwanelo tsa Botho ke tsa motho mongwe le mongwe mo Aforika Borwa, go tsenyelediwa le batlhankedi ba sepodisi. Ka tshwanelo ya botho e nngwe le e nngwe go tla maikarabelo. Letlhakore la maikarabelo a maloko otlhe a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, e le sethwe sa Naga, ke go tlotla le go sireletsa seriti sa botho le go tshola le go tdholetsa ditshwanelo tsa botho tsa batho botlhe. Go na gape le maikarabelo mo batlhankeding ba sepodisi go direla baagi le go dira ditiro ka mokgwa o o siameng o le porofešenale.
DIKGATAKO TSA DITSHWANELO TSA BOTHO LE KGALEMO
Go thibela bosenyi mo Aforika Borwa ka nonofo kwa ntle ga go gataka ditshwanelo tsa botho go tlhoka tirelo
Tiragatso 7.1.
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Ditemana 7.1
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso ke go tlamela maikemisetso a kokoanothutiso.
Ntlha ya motlhagisi
Buisetsa baithuti maikemisetso.
Ba botse gore a ba tlhaloganya maikemisetso.
A tlhalose, fa go tlhokega.
Tiragatso 7.2.
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Ditemana 7.2.
Ntlha ya motlhagisi
Kopa baithuti go buisa karolo 7 ya Molaotheo, Bukatiro, tsebe 5 le go buisana ka bokao ba teng.
Pele o bontsha bedio bolelela baithuti gore ba tshwanetse go lebelela bedio ba beile mo megopolong dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho. Ba tshwanetse gape ba akanye ka fao dikgatako tse di tla amang kgalemo le seabe sa balaodi ba sepodisi mo go SAPS.
Bontsha bedio ka "Kgalemo/ Bolaodi ba Sepodisi le Tsamaiso"
Morago ga bedio botsa baithuti dipotso ka tsenelelo, o dirisa mokgwa wa go dikologa, ka go ba botsa bongwe ka bongwe se ba se akanyang ka bedio go ya ka diteng ya sepodisi e e lolameng. Dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho ka batlhankedi ba sepodisi di tla tsewa ka gale jaaka maitsholomabe a a masisi mme go tla mekamekanwa le ona ka tsenelelo.
Dikao tsa dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho ke -
tshwaro e e seng ka fa molaong;
tswalelo e e seng ka fa molaong;
pogiso;
tsholo e e makgwakgwa ya go tshwarwa le batho ba ba tswaletsweng;
tsholo e e makgwakgwa ya bangongoregi le batlhokofadiwa;
phuruphutso e e seng mo molaong le tseo;
tiriso e e feteletseng ya dikgoka;
fa motlhankedi wa sepodisi a itse ka kana a bona tshotlo ya ditshwanelo tsa botho mme a palelwa ke go dira; le go fenya maikaelelo a bosiamisi (go bipa bosenyi).
Go palelwa ga motlhankedi wa sepodisi go tlotla ditshwanelo tsa botho go ka isa kwa go tse di latelang:
Bopaki bo bo bonweng ka ntlha ya ditshotlo tsa ditshwanelo tsa botho bo ka tlogelwa kwa ntle mo go ka isang kwa bathong ba ba molato ba gololwa.
Dikgato tsa kotlhao di tla tsewa kgatlhanong le motlhankedi wa sepodisi.
Tshekiso ya molato ya motlhankedi wa sepodisi.
tiriso tsa ditshwanelo tsa botho le go tlhokomedisa.
Dilo tse o tla di dirisang
Ditshwanelo: Karolo 7 ya Molaotheo
Naga e tshwanetse go tlotla, go sireletsa, go godisa le go fitlhelela ditshwanelo mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo.
Tiragatso 7.3.
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Ditemana 7.3
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira batlhankedi ba sepodisi gore ba akanye ka dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa botho le go buisana ka ditlamorago tsa dikgatako tse di jalo.
Matseno: 1 motsotso
Dipuisano tsa setlhopha: 10 metsotso
Pegelo: 10 metsotso
Puisano ya kakaretso: 4 metsotso
Ntlha ya motlhagisi
Kgaoganya baithuti go ya ka ditlhopha tse di sa feteng batho ba le batlhano.
Kopa setlhopha sengwe le sengwe go dira tse di latelang:
Tshwetso ya go kobiwa (bona karolo 36 ya Molao wa SAPS: fa katlholo ya kgolegelo kwa ntle ga boikgethelo ba tefiso e fetisitswe.)
Ditleleime tsa batho kgatlhanong le naga.
Tatlhegelo ya tshireletso ya Naga(kemedi ya semolao) malebana le tshekiso ya modiramolato (seno se kaya gore motlhankedi wa sepodisi ba tla ikarabelela kemelo ya bona.)
Tatlhegelo ya tshireletso ya Naga mo dikgetseng tsa batho(seno se kaya gore batlhankedi ba sepodisi ba tla tshwanela go duela ditshenyegelo tsa Naga: dishenyego, ditshenyegelo tsa semolao)
Maikarabelo kwa baaging.
Batlhankedi ba ba kwa godimo ba tla nna maikarabelo a ditshotlo tsa ditshwanelo tsa botho fa ba ne ba itse, kana ba ne ba tshwanetse go bo ba itse, ka tlhagelelo ya tsona mme ba paletswe ke go tsaya kgato.
Batlhankedi ba sepodisi ba amogela tshireletso go tswa tshekisong kana dikgato tsa kgalemo ka go gana ditaolelo tse di seng mo molaong go tswa go ba bagolo.
Kobamelo ya ditaolelo go tswa go ba bagolo ga e ne e nna tshireletso ya dikgatholoso tse di dirilweng ke batlhankedi ba sepodisi.
Kwala se motlhankedi wa sepodisi a tshwanetseng go se dira fa a bona boikgatholoso jwa ditshwanelo tsa botho.
Dilo tse di ka diragalang fa motlhankedi wa sepodisi a ikgatholosa ditshwanelo tsa botho tsa motho.
Kopa setlhopha sengwe le sengwe go tlamela sekao se le sengwe sa se motlhankedi wa sepodisi a tshwanetseng go se dira. Botsa ditlhopha tsotlhe go fitlha lenane la ditlhopha le feleletse.
Boeletsa se ka ditlamorago tsotlhe.
Kopa a le mongwe wa baithuti go kwala mo botong ya karata tsa go kwalela kana letlapakwalelo.
Feleletsa ka puisano ya kakaretso.
Sosobanya.
Dilo tse o tla di dirisang ka nako ya tshosobanyo
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a bona motlhankedi wa sepodisi yo mongwe a gataka ditshwanelo tsa botho?
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse-
go tsereganya (a dire gore a eme) mme a bolelele motlhankedi wa sepodisi gore ke phoso; le/kana a bege tiragalo kwa molaoding wa gagwe kana leloko le lengwe le legolo; le /kana, go bega tiragalo kwa ofising ya kgalemo; le/kana, go bega tiragalo kwa Bokaeding bo bo Ikemetseng ba Dingongorego (ICD); le/kana go bega tiragalo kwa Khomišeneng ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, le/kana, go bega tiragalo kwa Mosireletsing wa Setšhaba.
Fa dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa botho le tsona e le molato wa bosenyi dokete e tshwanetse go bulwa.
Dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa botho di ka isa kwa dikgatong tsa kgalemo.
Patlisiso ya kgalemo e tshwanetse go potlaka, e dirwe ka tsenelelo le go se gobelele. (Ga go na tlhokego ya go emela patlisiso ya modiramolato gore e felele.)
Patlisiso e tla batla go lemoga batswasetlhabelo, go bona le go boloka bopaki, go utolola dipaki, go utolola
Dintlha
Ya botlhokwa
Nomoro ya mogala ya ICD: 320 - 0431
sebakwa, mokgwa, lefelo le nako ya boikgatholoso, go lemoga le go tshwara badiramolato.
Mafelo a bosenyi a tla sekasekwa ka tlhokomelo.
ICD e tla dira eng fa motlhankedi wa sepodisi kana leloko la setšhaba le tsenya ngongorego le ICD?
ICD e ka batlisisa morero, segolo dikgetse tseo di amang loso lwa motho mo botshwarweng kana ka lebaka la kgato ya sepodisi. ICD e ka romela morero kwa sepodising go batlisisiwa le go tlhokomela tswelelopele.
Mo go fetseng patlisiso ICD e ka dira dikatlanegiso gore a ditatofatso tsa modiramolato kana dikgato tsa kgalemo di tshwanetse go tsewa kgatlhanong le leloko la sepodisi.
Go tlhabolola botshepegi ba setshaba mo maitekong a SAPS le ICD go dirana le maitsholo ka go -
Tlamelela mokgwa wa botsayakarolo jwa batho mo go tsaimaiseng dingongorego;
Fetola ditshotlo tsa mabarebare kgatlhanong le sepodisi;
Go emisa maloko a a tselelang go dira diphoso a le esi mo gare ga SAPS;
Go pakela botshepegi bo bo siameng jwa sepodisi mo maitekong a bona a go fetola tirelo le go bona tlotlo ya setshaba; le
Go thusa mo go fetoleng Tirelo mo mmeleng o o tshwanelwang le go amogela tlotlo ya baagi mo go thibeleng le lwantsha bosenyi.
Tiragatso 7.4.
metsotso
Karolo ya tsepamiso
Ditemana 7.3.3.
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso e ke go dira gore batlhankedi ba sepodisi ba akanye ka seabe sa ICD mo go tlhomamiseng gore batlhankedi ba sepodisi ba tsholetsa ditshwanelo tsa botho.
Ntlha ya motlhagisi
Tlamela moithuti mongwe le mongwe ka khophi ya dikwalodiatleng ka "Bokaedi bo bo Ikemetseng ba Dingongorego (ICD)".
Kopa baithuti go araba dipotso tse di latelang:
Go reng?
Tswalela ka puisano ya kakaretso.
Sobokanya.
Dilo tse o tla di dirisang ka nako ya tshosobanyo
Go thibela maitsholo a a sa siamang a sepodisi ka go -
sekaseka dingongorego go tlhomamisa mathata a a boelelang mo ditirong tsa sepodisi, go dira le tlhokomelo.
go tlamelela sepodisi ka dikgalemo tsa e sale gale tsa mathata a a sa letlelelweng kana batlhankedi ba ba se nang botshepegi;
go tlamelela keletso e e batlisisiwang ya ka moo phekolo ya mathata a a tsalang dingongorego;
go mekamekana le dingongorego kgatlhanong le sepodisi ka tshiamo le tlhamalalo.
DITHEO TSA TSHIAMO LE TEKANO
kgato ya tsamaiso e e siameng
TSHEDIMOSETSO YA BAKATISI
Fa o batlisisa bikgatholoso bongwe le bongwe patlisiso e tla nna ka nako, ya bokgoni, e e tsneletseng e sa gobelele. Seno ke motheo wa kgato ya tsamaiso e e siameng.
Kgato ya tsamaiso e e siameng Tlhabololo 6, ntlha 232b ya Molaotheo.
Karolo 33 le e tshwanetse go tsewa e buisega jaana:
Motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo go-
akgato ya tsamaiso ya semolao foo nngwe le nngwe ya ditshwanelo tsa gagwe kana kgatlhego e amegang kana e tshosediwa;
b tsamaiso ya kgato e e siameng ya tsamaiso foo nngwe le nngwe ya ditshwanelo tsa bona kana ditsholofelo tse di tshwanelang di amegang kana di tshosediwa;
Dintlha c tlamelela ka mabaka ka go kwala kgato ya tsamaiso e e amang ditshwanelo dingwe le dingwe tsa bona kana dikgatlhego kwa ntle ga fa mabaka a kgato eo a itsisitswe phatlalatsa; le d kgato ya tsamaiso e e tshwannang malebana le lebaka le e le neeletsweng. Foo ditshwanelo dingwe le dingwe tsa bona di amegang kana di tshosediwa".
Tshiamo e e tshegetsegang
Seno se kaya gore go tshwanetse go bo go na le lebaka le le utlwalang la kgato ya tsamaiso le le tserweng (sekao; dikemisonakwana, dikgato tsa kgalemo, ditshutiso, dikgodiso, jj.)
Tshiamo ya tsamaiso
Seno se kaya gore dikgato tsotlhe tsa tsamaiso di tshwanetse go nna tse di siameng ka tsamaiso. Seno se kaya gore melawana ya bosiami ba tlholego e tshwanetse go latelwa. Melawana e ke:
Utlwa letlhakore le lengwe.
Seno se kaya gore motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go tlamelwa ka dintlha tsotlhe tse di tlhotlheletsang ka tsela e e seng yona le ditshekatsheko;
Go newa nako e e lekaneng go siamisa kgetse ya gagwe;
Go newa tšhono go tlhagisa kgetse ya gagwe;
Go itsisiwe ka botlalo lebaka la kgato ya tsamaiso (dikgato tsa kgalemo).
Ga go ope yo o ka nnang moatlhodi mo kgetseng ya gagwe.
TSHOSOBANYO / DIPOTSO
Ke ka ntlha ya eng kgalemo e le botlhokwa mo SAPS?
Dintlha
Tiragatso 7.4.
metsotso
Maikemisetso
Maikaelelo a tiragatso ke go sobokanya kokoanothutiso le go araba dipotso dife kana dife tse di sa dirwang.
A katiso e ka nna karolo ya dikgato tse di tserweng go lebesisa dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho?
Neela mekgwa mengwe ya dikgatholoso tsa ditshwanelo tsa botho e o e itseng.
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a bona dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho?
Go ka diragala eng ka motlhankedi wa sepodisi yo o dirang dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho?
Dikao tsa dikgatako tsa ditshwanelo tsa botho: Kgalemo No 1.
Tlholego go tlotla ditshwanelo tsa botho go ka isa kwa go tse di latelang: Kgalemo No 2.
Tiragatso 7.3.
Bokaedi bo bo Ikmetseng ba Dingongorego.
DIKAO TSA DIKGATAKO TSA DITSHWANELO TSA BOTHO
Tshwaro e e seng mo molaong
Tswalelo e e seng mo molaong
Pogiso
Tsholo e e makgwakgwa ya batho ba ba tshwerweng le ba ba tswaletsweng
Tsholo e e makgwakgwa ya bangongoregi le batlhokofadiwa
Phuruphutso e e seng ka fa molaong le tseo
Tiriso e e feteletseng ya dikgoka
Mekgwa ya patlisiso e e seng mo molaong
Fa motlhankedi wa sepodisi a itse ka kana a bona tiragalo ya kgatako ya ditshwanelo tsa botho mme a tlholega go dira
Go fenya maikaelelo a bosiamisi (go bipa bosenyi)
GO TLHOLEGA GO TLOTLA DITSHWANELO TSA BOTHO GO KA LEBISA KWA GO TSE DI LATELANG:
Bopaki bo bo bonweng ka lebaka la ditshotlo tsa ditshwanelo tsa botho di ka tlogelwa kwa ntle mme bo ka feleletsa mo bathong ba ba molato ba gololwa
Dikgato tse di kgalemang
Tshekiso ya modiramolato ya motlhankedi wa sepodisi
Ditleleime tsa batho kgatlhanong le naga
Tatlhegelo ya tshireletso ya naga mo bosenying
Tatlhegelo ya tshireletso ya naga mo dikgetseng tsa batho
Maikarabelo kwa baaging
Tiragatso 7.4.
Go reng?
TIRAGATSO 7.3.
Motlhankedi wa sepodisi o tshwanetse go dira eng fa a lemoga kgatako ya ditshwanelo tsa botho?
Go ka diragala eng fa motlhankedi wa sepodisi a gataka ditshwanelo tsa botho?
Bokaedi bo bo Ikemetseng jwa Dingongorego (ICD) ke mokgatlho wa molao ka fa tlase ga taolo ya selegae o o tlhomilweng go ya ka Karolo 222 ya Molaotheo wa Nakwana (Molao 20 wa 1993) le Kgaolo 10 ya Molao wa Sepodisi sa Aforika Borwa (Molao 68 wa 1995).
MAIKAELELO
Go godisa maitsholo a a siameng a sepodisi.
PONELOPELE
Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa e e fetogileng e e tlhomameng le mowa le maikemisetso a Molaotheo.
Go tlhabolola botshepegi ba setšhaba mo maitekong a SAPS le ICD go dirana le maitsholo ka go -
Tlamelela mokgwa wa botsayakarolo jwa batho mo go tsaimaiseng dingongorego;
Fetola ditshotlo tsa mabarebare kgatlhanong le sepodisi;
Go emisa maloko a a tselelang go dira diphoso a le esi mo gare ga SAPS;
Go pakela botshepegi bo bo siameng jwa sepodisi mo maitekong a bona a go fetola tirelo le go bona tlotlo ya setshaba; le
Go thusa mo go fetoleng Tirelo mo mmeleng o o tshwanelwang le go amogela tlotlo ya baagi mo go thibeleng le lwantsha bosenyi.
Go thibela maitsholo a a sa siamang a sepodisi ka go -
Sekaseka dingongorego go tlhomamisa mathata a a boelelang mo ditirong tsa sepodisi, go dira le tlhokomelo.
Go tlamelela sepodisi ka dikgalemo tsa e sale gale tsa mathata a a sa letlelelweng kana batlhankedi ba ba se nang botshepegi;
Go tlamelela keletso e e batlisisitsweng ya ka moo go ka phekolwang mathata a a tsalang dingongorego;
Go mekamekana le dingongorego kgatlhanong le sepodisi ka tshiamo le tlhamalalo
KE MEFUTA EFE YA DINGONGOREGO E ICD E MEKAMEKANANG LE YONA.
ICD e sekaseka dingongorego kana magatwe a a amanang le:
Loso lwa motho mo tshwarong ya sepodisi kana ka ntlha ya kgato ya sepodisi.
Kamego ya maloko a sepodisi mo ditirong tsa bosenyi jaaka tlatlapo, bogodu le petso.
Maitsholo a sepodisi kana boitshwaro tse di thibelwang ke Melawana ya Sepodisi, jaaka itlhokomoloso ya ditiro kana tlholego go tsamaisana le Maitsholo a Khouto ya Sepodisi.
TSAMAISO YA GO DIRANA LE KGETSE GA ICD
Le fa ICD e leka go batlisisa melato yotlhe le maitsholomabe a go tweng a dirilwe ke maloko a SAPS, Molao o dumelela ICD go isa dikgetse dingwe kwa go SAPS go batlisisiwa . Mo lebakeng la dikgetse tseo tse di romelwang kwa go SAPS go bona patlisiso ICD e ka tlhokomela tswelelopele ya patlisiso. Mo mabakeng mangwe ICD e tlhokomela patlisiso ka go baya dikaelo tse ka tsona patlisiso e tshwanetseng go dirwa.
Gore babatlisisi ba ICD ba dire ditiro tsa bona ka nonofo le bokgoni, Tona wa Pabalesego le Tshireletso o dumeletse gore babatlisisi ba ICD ba ba lemogilweng ke Mokaedi Mogolo, ba abelwe dithata tsa go tlhokomela.
ICD ga e ikaelele go nyatsa ditiro tsa sepodisi tse di dumeletsweng. ICD e ineetse go thusa sepodisi ka tiro ya yona ya go fetola le go tiisetsa tlhabololo le dikgolagano tsa tirisanommogo le SAPS.
